Ga se �afa�

E rile selemo se se fetileng ra welwa ke leuba le le neng la re tshosa thata. Bontsi jwa dinwelo tsa kgala. Mo mafelong mangwe phulo ya gotlhega.

Dikgomo, loruo lo lo tona wa Motswana, tsa tlhoka kwa di ka hulang teng. Tsa a swa, badisa ba bua, kwa morago ba sala ba lebile fela. Batho, bogolo jang barui, ba huhula megopolo ba ipotsa gore fa go ka tswelela go ntse jaana, go ya go felela kae. Ba ipotsa gore a mongwe o tlaa sala a ruile. E re a setse ka yone e nngwefela eo, e hule kae.

Ga se barui fela ba ba neng ba tshwentswe ke leuba le. Balemi le bone ba ne ba feretlhega maikutlo. Ba ne ba ka lema jang lefatshe le omeleltse?  E re fa ba sa lema ba dike ba jele eng? Fa moruakgomo ene a ne a tshwenyegile ka gore kgomo ya gagwe e tlaa hula kae, e e nwa eng, molemi ene o ne a lela ka gore o tlaa lema jang pula e seyo, ka  o batla pula go kolobetsa lefatshe le go medisa dijwalo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up