O maitseo a eng?

Le fa gone metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balatedi, bangwe bone ba ntse ba leka go e latela. Re itse gore go tswa gole Motswana a leka go lata khumo ka go lema le go rua. Ka fa mhameng wa temo, Motswana o ne a tlotlile mabele thata ka ga a fenyediwe ke letsatsi jaaka dijwalo tse dingwe.

Mabele e ne e le one sejo se se tona sa Motswana. O ne a a a ja bogobe, e bile a a a na bojalwa. A a je ngwaga otlhe, e re nako nngwe, fa a ne a hodile thata, a a je dingwaga mme a re o ja tshupa. Tse dingwe dijwalo, jaaka magapu le dinawa, di ne di le teng mme tsone go ka twe ke tsa nakwana fela.

Mo godimo ga go lema, Motswana o ne a rua, a rata kgomo go feta diruiwa tse dingwe. Kgomo e ne e ruetswe ditiro tse dintsi. E ne e lema, gape e gangwa.  E re fa e le dikgomo tse di segamo, ke gore, tse di masi thata, mangwe a nowe, a mangwe a dire madila. Letlalo la yone le ne le sugwa mme le segwe diphate le dikgole. Mme godimo ga tse tsotlhe, kgomo e ne e ruetswe go golega e lema, e goga dikoloi le dilei. Boo e ne e le botshelo jwa Motswana jwa malatsi a jale.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up