Blogs

A re nne re di bone

Bangwe ga ba ke ba lemoga phoso e ka gore, fa ba bala se se kwadilweng, ba bona e kete go kwadilwe sentle ka molaetsa ba a o utlwa. 

Mme fa re lebelela ka fa tota go tshwanetseng go kwala ka teng, ke gone re lemoge gore ga go a kwalwa sentle. 

Lengwe la mafoko a re neng ra kopana nao a sa kwalwa sentle mo polelong ele ya ditlhopho tsa peo lotlhokwa tsa phathi ya Domi (Botswana Democratic Party) ke ‘okare.’  Naledi (Naledi 04 Morule 2013) ya re, ‘Jaaka okare mo go ne go sa lekana Bulela Ditswe ya phasalala ya tlola molelwane wa Dibete go leba Borwa mme le gone selelo ya nna sele sa bagolo sa go digwa botlhoko ke batlhophi mo dikoloing tsa puso tsa manobonobo.’ Naledi fa e bua ka matona a puso a a neng a fenngwa mo ditlhophong tsele tse di neng tsa simolola kwa bokone jwa lefatshe leno mme morago tsa tla go tshwarwa ka kwano borwa.  Matona a le mokawana a ne a fenngwa, mo go rayang gore ga ba na go ema mo ditlhophong tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang ngwaga ono.  Maemo ale a botona le go kgweediwa mo koloing e ntsho, a tlaa bo a ile. Mme ke sone se Naledi e reng ba digilwe mo dikoloing tse di manobonobo. 

Maloba re rile, lefoko ‘okare,’ le tshwanetse go kwalwa e le ‘o ka re,’ le kgaoganye. Lefoko le nako nngwe le dirisiwa boemomg jwa ‘e kete.’ 

Go na le gore e re ‘Jaaka o ka re go ne go sa lekana.....’  Naledi e ne e ka re, ‘Jaaka e kete.....’  mme ga tshwanela.  Fa e tswelela pele, Naledi ya re, ‘Kwa Thamaga batlhophi ba ne ba tlhomamisa gore ba kgaoganya mogolo yo eleng mopalamente wa kgaolo  ebile e le tona ya lephata la botsogo…… le koloi ya puso e ntsho.’ Fa, re bona mafoko ‘ebile’ le  ‘eleng.’ Re setse re buile ka ‘ebile’ ra re le tshwanetse go kwalwa e le ‘e bile.’  Mme ‘eleng’ le lone fela jalo.  Le tshwanetse go kgaoganngwa ya nna ‘e leng.’

Tse ke dingwe tsa diphoso tse re di dirang fa re kwala Setswana.  Bangwe ba tlaa re go thata go itse gore mafoko a Setswana go tshwaragana afe, ga go tshwaragane afe.  Ba re, fela fa o setse o ka bala, wa utlwa gore molaetsa wa reng, go siame.  Nnyaa, a go se nne jalo. 

A molaetsa o tle ka tsela e e tlhamaletseng, go kwadilwe sentle.  A e ne e re re bala, re ela tlhoko gore go kwalwa jang, mafoko go tshwaraganngwa afe, ga go tshwaraganngwe afe. A e re fa re thatafalelwang teng re botse.  Eo ke yone kalafi fela. 

Mmualebe o a tle a re go na le go kwala re latlhelel; re sa ele tlhoko gore re kwala eng, jang, mme re dire diphoso tse re neng re sa tshwanela go di dira.  Mo polelong ele ya Bulela Ditswe, go na le diphoso dingwe tse Mmualebe a tlaa reng Naledi e di dirile ka e ne e kwala e latlhelela.  Polelo e, e simolola e re;

‘Ntwa ya Domkraga e e bakwang ke Bulela Ditswe ya ditlhopha tsa peo letlhokwa e ne ya letsa botlhokwa bagolo bangwe kwa kgaolong ya Bokone go tsena kwa Boteti jwa lefatshe la Botswana.....’ 

A jaanong re rune temana e dinta.  Ka Bulela Ditswe ke tiro ya ditlhopho, e tlaa re o bona lefoko ke lele, o le tlodise matlho, o tseye gore ga twe ditlhopho.  Jaanong leba sentle. Naledi ga e re ditlhopho, ya re ditlhopha. 

Fa re ntse re tla, ga twe, peo letlhokwa e ne ya letsa botlhokwa bagolo bangwe kwa kgaolong ya Bokone go tsena kwa Boteti jwa lefatshe la Botswana.  Potso ke gore go letsa botlhokwa ke eng? 

A ga e a tshwanela go nna go letsa botlhoko? Gore go twe ditlhopha boemong jwa ditlhopho, go twe botlhokwa boemong jwa botlhoko, a ga se gone go latlhelela?  E nngwe potso ke gore fa go twe Boteti jwa lefatshe la Botswana go tewa eng?  Kwa ntle ga kgaolo ya Botswana e e bidiwang Boteti go na le bofe gape Boteti? Ntlha efe ya lefatshe? 

Se Naledi e neng e batla go se bua ke gore ditlhopho di ne tsa tshwarwa mo kgaolong ya bokone jwa lefatshe leno go ya go tsena kwa Boteti.  Ka go kwala e latlhelela, ga e bue jalo, e bua se sele, se bangwe ba ka se keng ba se tlhaloganye. 

Re ntse re a di bona diphoso tse di diregang fa re kwala Setswana. A re lekeng go di fokotsa ka go nna tlhoko fa re kwala.

motshwanes@yahoo.com