Naledi

Motshela le mogare o kopa tiro

Onkemetse Louis
 
Onkemetse Louis

Louis yo e leng motho wa letso la Sesarwa kwa Motlhabeng o ikuetse jalo mo bekeng  e e fetileng fa Naledi e ne e jetse nala kwa lefelong leo. E rile fela fa a lemoga Naledi, Louis, a simolola go putsaputsa dikeledi,  fa ka legano a punpunyolola kutlobotlhoko e e mo pelong ya gagwe. A re o fa gare ga dinaka tsa kukama ka ntlha ya gore o tshela le mogare mme a sa bereke. O tlhaloseditse Naledi gore ke  ngwaga wa bobedi a ntse aa nwa diritibatsi e bile o ikamogetse fela sentle mme molato wa kgeleswa  ke gore o nwela dipilisi mo tlaleng ka ntlha ya gore ga a bereke. Onkemetse yo o feletseng ka lekwalo la  bone fela kwa sekoleng se sepotlana, a re o batla tiro nngwe le nngwe letsatsi le letsatsi mme go a pala, ka le kwa go yone Ipelegeng tota a sa kgone go thapiwa ka ntlha ya bontsi jwa batho ba motse wa Letlhakane.

A re o tshelela mo tshotlegong e e matlho mahibidu, ka le jone bonno jwa gagwe tota e se jwa sepe. O nna mo mogoafatsheng o o dirilweng ka dipolaseteke. A re o  kile a ya go ikuela  kwa  go ba boipelego mme ba mo gakolola go batla tiro ka a santse a ikutlwa. Le fa go ntse jalo, Onkemetse a re ga se gore o lelela go phakisiwa dijo tsa ba boipelego mahala, o a tlhaloganya fela o kopa gore a batlisiwe tiro ka e bile a na le bana ba le babedi, ba le bone ba sotlwang ke tlala botlhoko. A re go bolawa ke tlala moo go ama botsogo jwa gagwe ka a nwela dipilisi mo tlaleng mme a ikutlwe a tlhaela gotlhelele. ‘’Kana mo malatsing ano fela fa ke sena go nwa dipilisi ke a kgwa mme seo se dira gore dipilisi di seka tsa bereka sentle mo mmeleng. Tlhe batho ke kopa thuso le fa ke le Mosarwa jaana, tsweetswee,’’ ga bua Onkemetse a rothisa keledi.

O tsweletse a bolelela Naledi gore o batlile tiro ka lobaka lo loleele mo Ipelegeng mme ga go nko e tswang lemina mo jaanong a setseng a belaela gore o ka tswa a sa firwe ka ntlha ya gore ke motho wa letso la Sesarwa. Se se itumedisang ka monna yo o kopang thuso ya go batlelwa tiro yo, ke gore a re le fa go le thata e e robang dimapo jaana mo botshelong jwa gagwe, ga  a na maikaelelo  a go phuaganya kalafi ya ba bongaka. A re o tla tswelela a nwela dipilisi  tseo  mo tlaleng go fitlha a tsena ka lebitla. O tladitse ka go kopa botlhe ba ba tsayang kalafi ya diritibatsi go tswelela ba dira jalo ka tlhoafalo a bo a ba rotloetsa gore ba seka ba anamisa mogare ka bomo mo setshabeng. Onkemetse a re ka ntlha ya gore gatwe Modimo ga o je nkabo, mongwe ka letsatsi lengwe o tla mo utlwela botlhoko mme a mmatlele tiro le fa  e  le  ya nakwana. ‘’Ke kopa thuso rra, kana gongwe fa o ka kwala mongwe o ka felela a badile polelo e mme a nkutlwela botlhoko,’’ ga lopa Onkemetse a sa tswa go lopa.