Naledi

A re kgothatsaneng sentle

A batho botlhe ba tsaletswe go nna bo Tautona le dingaka mo lefatsheng?  A rare ba ba epang mesele bone ga ba na mosola? A rare ba ba selang matlakala bone ke boesemang?

Mo botshelong jwa gompieno, bana ba dikolo ba tlotlile Mmadikolo, ga ba batle go utlwa sepe ka di-brigade. Ba di leba ka leitlho la kilo. Bana ba ba tsenang teng ba bitswa ba ba seng botlhale gape ba a nyadiwa. Fa re ka simolola go kgethololana le go nyatsana jaana, ditiro tse gotweng gase tsa sepe di tla dirwa ke bomang?

Kgang e nna nngwe fela. Rotlhe re a tlhokana mo botshelong. Mme yo o phephafatsang matlo a go berekelwang teng o tlhokiwa ke mmereki ka jaana o thusa go phephafatsa kago eo. Fa e ne e se ka ene go ka bo go sa lebege go le leswe!

Le buka ya Morena,Baebele, e tlhalosa fa mmele o na le dikarolo tse di farologaneng mme tsotlhe di dirisanya mmogo.  Go ntse fela jalo le mo sethong. Batho ga ba dire ditiro tse di tshwanang mme tsotlhe di botlhokwa mo botshelong le mo itsholelong. Ka one mabaka kare a re seka ra nyenyafatsa ditiro tsa ba bangwe mme re rotloetsane go dira tiro e ntle gope fela kwa motho a berekang teng.

Morutabana kwa sekolong se se botlana sa Bontleng, Thuso Kakana, o tlhalositse fa mafoko ao a ka ama ngwana, ka fa gongwe motsadi wa gagwe a epa mesele. “Se se ka dira gore ngwana a itlhoboge a tseye gore ga a sepe mo lefatsheng ka jaana motsadi wa gagwe a epa mesele,” ga tlhalosa Kakana.

Ke dumalana le Kakana le gore fa re kgothatsa bana ba sekolo re tlhophe mafoko aa agang le go totomatsa ditiro tsotlhe tse di tlhokegang mo botshelong.