Naledi

Mafatshe a Selekane a tlhoka go itshekatsheka � Lelatisitswe

Lelatisitswe yo gape eleng mopalamente wa Boteti Botlhaba, o ne a fa mafoko a kamogelo mo boemong jwa palamente ya lefatshe leno kwa moletlong wa segopotso sa mafatshe a selekane oo neng o tshwaretswe fa pele ga dikago tsa palamente bosheng.

O simolotse ka gore jaaka molaetsa wa ngwaga ono wa segopotso sa mafatshe a selekane o supa, re tshwanetse ra tlhodumela ditshetlana tsa botlhokwa re le maloko. Lelatisitswe a re ditshetlana tse di akaretsa mekwatla ya sepolotiki, go bopa puso ya batho ka batho, boleng ja lekgotla la mafatshe a selekane ja palamente ya lefatshe leno; dikgwetlho le ditshono tse di lebaganeng batho ba lefatshe leno.

A re lekgotla la mafatshe a selekane ga le legologolo fela mme le na le boleng jo bo faphegileng ja dijo tse di lenko le monate le go tlotlwa ke maloko le mafatshe a eseng maloko. Lelatisistwe a re mo dingwageng tse lekgotla la mafatshe a selekane le ntseng le le teng, ke sesupo sa botsalano le tirisanyo mmogo  le tlotlo magareng ga maloko.

O ne a fetsa ka gore, o solofela gore jaaka go ipelelwa letsatsi la mafatshe a selekane, go tla seke go lebiwe kwa morago fela mme le kwa pele go nonotsha maikaelelo le ditshetlana tsa maloko. Ditshetlana tse di akaretsa kagiso, tlhabololo ya itsholelo lebopo ka bophara, tekatekano ya ditshwanelo, twantsho tlhaolele ya letso le mmala le tlhabologo ya matshelo a batho.

Fa a bala molaetsa wa ga Mmamosadinyana yo eleng moeteledipele wa mafatshe a selekane, leloko la lekgotla la palamente la mafatshe a selekane, Mopalamente Dorcas Makgatho wa Sefhare-Ramokgonami, yo ebileng ele Tona wa Botsogo, a re maloko a ka akola go amogana megopolo le dikgothatso magareng ga bone. Molaetsa o, o tswelela ka gore fa maloko ba farologane ka ditsamaiso, ke sebaka se se ntle sa gore ba bangwe ba ithute mo go bone. Maloko a tshwanetse go aga le go bopa katlego. Maloko a tshwanetse a ipelela seriti sa ba bangwe, seabe sa bone le go lemoga se ba leng sone.

Makgatho o tswelela ka go bala gore sebaka sa bomme, banana le makgotla a a ikemetseng ka nosi ke sa go lebelela ka fa rotlhe re ka kgonang go tlisa pharologanyo. Molaetsa o, o felela ka gore setlhogo sa letsatsi se se buang ka ‘kakaretso ya maloko’ se tshwanetse sa re kgothatsa go emana nokeng segolo bogolo ba ba dumelang fa ba tlogetswe kwa ntle. O feditse ka gore seo ke sone se supang moono wa mafatshe a selekane.

Lekgotla la mafatshe a selekane le na le maloko a le masome a matlhano le le bone mo dikgaolong tsa lefatshe di le thataro. Mafatshe a a emana nokeng mo go tsa puso ya batho ka batho le tlhabologo. Lekgotla le le simolotswe ka ngwaga tsa 1870. Segopotso sa mafatshe a se nna Mosupologolo mongwe le mongwe wa bobedi wa Mopitlo ngwaga le ngwaga.