Go tsaya tema
Sebofo Motshwane | Wednesday May 18, 2016 16:06
E re yo mongwe a le tlhogo tona, e bile gongwe a bidiwa Rrantlhogo, yo mongwe a nne tlhogo nnye. Go nne go ye fela jalo. Jaanong o ka botsa gore, a e rile fa Motswana a re, batho ga ba lekane e se meno, a bo a raya ka mmele, kgotsa o ne a lebile sengwe se sele?
E rile Motswana a re batho ga ba lekane e se meno, a bo a sa leba popego ya bone. Fa a bua jalo, o ne a lebile ka fa botshelo bo ntseng ka teng.
A leba mme a bona gore batho ga ba a itsholela ka go tshwana; ka go lekana. A bona gore bangwe ba kgona go itshetsa. E re motho a tsoga, a bone sejo sa letsatsi, a bo a kgone go lalela, fa ba bangwe bone ba tsoga ba bo ba robala fela ba ise ba ise sepe kwa ganong.
Le gone fa motho a ka latsang tlhogo teng, gongwe go se yo. Ba, Setswana se re, ke ba ba itlhaelang; ba ba kobo dikhutshwane, fa ba bangwe go twe ke ba ba itsholetseng.
Puso le yone ya lemoga selo se mme ya se ka ya se tlodisa matlho. E rile go bona fa batho ba sa lekane e se meno, ba sa itsholela ka go lekana, puso ya tla ka mananeo a nyeletso lehuma, e le nngwe tsela ya go leka go tlhatlosa ba ba kwa tlase. Godimo ga mananeo a, ga tlhajwa mokgosi wa gore ba ba kgonang, ba thuse ba ba itlhaelang, ba puso e reng ke ba ba tlhokileng lesego. Wa arajwa mokgosi.
La bolola letsholo la go thusa ba ba kobo dikhutshwane. Batho le mekgatlho ba thusa ka fa ba kgonang ka teng. Bangwe ba ba itlhokang ba fiwe dijo, diaparo, le tse dingwe fela jalo. Ba bangwe ba agelwe matlo.
Letsholo le la go thusa ba bangwe le ntse le tsweletse.
Mongwe wa mekgatlho e e mo letsholong le, ke wa sefapaano se sehibidu. Mokgatlho o, o bolelwa o thusa ka dilo tse di farologanyeg. Ga twe bangwe o ba fa dijo, diaparo, bangwe o ba sidile maikutlo, fa ba bangwe o ba thusa ka nako ya dibetso tsa tlholego. Nako nngwe re a tle re newe ke pula e ntsi thata e bile e senya.
Matlo a rutlololwe ke diphefo, mangwe a digiwe ke merwalela. E re fa go kuiwa mokgosi gore ba ba senyegetsweng ba thusiwe, re utlwe mokgatlho o, o bolelwa mo go ba ba neng ba itlhaganelela go thusa.
Go bolelwa fa ngwaga le ngwaga, ka kgwedi ya Morule, mokgatlho o wa sefapaano se sehibidu, o tshwara moletlo wa segopotso sa go tlhamiwa ga one. Ga twe ngwaga o o fetileng, moletlo o ne wa tshwarelwa kwa Moshupa.
Fela jaaka gale mo tirong ya mohuta o, mafoko a na a tswa fale le fale. Ga twe mongwe wa maloko a bolela fa mokgatlho o, e le wa boithaopo mme o thusa puso ka o bonye e ka se ke e kgone tsotlhe tse di e lebaganyeng e le nosi.
A ga ba rile, wa e esi ga o ele? Jalo he, ga twe a kopa setshaba gore se ba thuse, gore le bone ba tle ba kgone go thusa ba bangwe.
Dikgang/Daily News (Laboraro Morule 09 20150) e bega ka moletlo wa segopotso sa sefapaano se sehibidu, ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Mokgatlho wa sefapaano se sehibidu o tswa puso letsogo.’
Se se buiwang fa, jaaka re setse re utlwile, ke gore mokgatlho o, o thusa puso go tlhatlosa ba ba itlhokang. Jaanong ke foo ga twe mokgatlho o tswa puso letsogo. Ka ba re fa nako e ntse e tsamaya, puo/teme e a fetoga, a re amogele gore lefoko ‘go tswa letsogo’ ke lengwe la mafoko a Setswana sa gompieno. Go ntse go ntse jalo, a re supe gore go na le mafoko a mangwe a a ka dirisiwang mme a balola botoka. Boemong jwa go tswa letsogo, mongwe o ka re go tsaya tema. A re tseye sekai re re, Naledi o fitlhela Morwadi a feela segotlo.
O tsaya lofeelo le ene o a feela. Gone fa, Setswana se tlaa re, Naledi o tsaya Morwadi tema, se raya gore Naledi o thusa Morwadi. A gape re re, Naledi o fitlhela Morwadi a setla. Ka o batla go thusa, Naledi o tsaya motshe, o itaya gabedi, gararo, mo kikeng. Fa, Setswana se tlaa re, Naledi o kitimeletsa Morwadi. A re lemoge gore go kitimeletsa ga se ga go setla fela.
Mo tirong nngwe le nngwe, motho o ka kitimelediwa kana a kitimeletsa yo mongwe fela jaaka a ka tsewa tema, kgotsa ene a tsaya yo mongwe tema. E rile se ise se fetoge, se ne se rialo Setswana, se re go tsaya tema, go kitimeletsa, se raya go thusa.
motshwanes@yahoo.com