Blogs

Ga se go tswa thuso

Go twe se, e se nne puo fela, mme gape se supiwe ka ditiro. Kgang e nne gore, fa bangwe ba itlhaela, kgotsa, golo gongwe ba tlhaetse, ba ba kgonang, ba thuse. Go nne jalo, ba thuse Batswana.

Gompieno re utlwa fa kwa Maubelo, kwa Tsabong, lephata la DBES (Deoartment of Buildings and Engineering Services) le thusitse Mme Semakaleng Mmereki go aga ntlo. Polelo e re e bomyeng ele, e kaya fa Mme Mmereki a simolotse a itirela, ke gore, a ikagela, mme ka mabaka mangwe a tlhaelela nageng, a se ka a kgona go fetsa. Re utlwa gore, Rre Motsumi Kganyako, mogolwane wa DBES kwa Tsabong, a re ba ikopanya le lephata la Boipelego go bona gore, a Mme Mmereki ke motho tota a tlhoka go thusiwa. Go bonala gore, ga felela go ntse jalo gore Mme Mmreki a thusiwe.

Go ntse jalo, tiro ya tswelela. Ka Motswana o a tle a re, ‘Sedikwa ke ntsa pedi ga se thata’  go kaiwa go ne ga nna jalo ka tiro ele. Ga twe Rre Kganyako a re ba ne ba ikuela mo maphateng a mangwe, dikompone, le setshaba ka kakaretso go thusa. Go ya ka polelo, bangwe ba ema ba thusa. Fa yo a tswa ka fa ka se, yo mongwe a tswa ka kwa ka sele. Polelo e supa gore, go wetsa tiro, go ne ga kokoanngwa madi a a kanang ka P30,000. Godimo ga moo, ga dirwa ka diatla, ga agelelwa lelwapa leo. Polelo yone ya re ke segotlo. Re re, ga re gane, fa, go lebega go se na lefoko la tlhomamo. E re rona re re, lelwapa bone ba re segotlo, ba bangwe fale ba re jarata. BPC (Botswana Power Corporation) yone ya gokela ntlo motlakase, Furn Mart ya tla ka bolao mme DBES ya felela e tla ka dijo tsa P450.00. Ya bo e le fa tiro e wetse; ya lela megolokwane, le magetla a phophothwa.

Go ya ka polelo, Mme Magdeline Ndlovu, mothusa mookamedi wa lephata la dikago le tlhabololo matlo, go tswa Gaborone, ya nna ene wa ntlha go leboga. Re utlwa gore o ne a itumelela lephata la gagwe, a le galaletsa go bo le dirile tiro eo. E ntse ele ka polelo, yo mongwe ya nna mogolwane wa Khansele ya Kgalagadi Rre Patrick Keongadile. Le ene a galaletsa lephata go bo le gopola ba ba itlhaelang; Setswana gape se re, ‘Ba ba kobo di magetleng.’  Go feta foo a kgothatsa maphata a mangwe go gata jaaka DBES e gata; go tsaya malebela mo go bone. Mme gape, ga twe o ne a re a go fetelwe pele, go lejwe le ba metse e e kgakala le ditlamelo ka go ba le bantsi koo ba ba tlhokanang le go thusiwa. Re mo tlatse. Mong wa moletlo, Mme  Mmereki, le ene a se ka a tswa fela, a tswa  la gagwe. Go bolelwa fa a ne  a lebogela ntlo eo, a re e mo fa seriti, e bile o tlaa bona bonno jo bo siameng. E mang yo o ka tlhokang go leboga, a diretswe tiro e ntle jalo? Ga go ope. Le bosigo o bo o ka se ke wa leta gore bo se, ke gone o tle o leboge. O leboge fela gone foo.

Gompieno re ne re okometse Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 8 2019 mme ra fitlhela polelo ele ya go agela Mme Mmereki ntlo mo go yone. Re setse re utlwile gore Mme Mmereki o ne a setse a kile a leka go ikagela mo go botoka mme ka tsela nngwe a se ka a kgona. Ke gone fa DBES e tlaa tsena e thusa.

Fa e bua  ka go thusiwa ga ga Mme Mmereki, polelo ya re;

‘….. o ne a dirile maiteko …..mme a tlhaelela mo tseleng …..ba mo tswa thuso.’

Ke eo kgang. Ga twe, ‘ba mo tswa thuso.’ Lefoko le, ’go tswa thuso’ ke lone kgang ya rona ya gompieno. Fela, ga se la ntlha re bua ka lone. Re sete re kile ra supa gore, lefoko le ga se lenatetshapuo la tlhomamo. Ra re, lenatetshapuo la nnete l re, ‘Go tsaya tema.’  Jaaka re bona ka Mme Mmereki le DBES, o ka fitlhela motho a tshwere tiro nngwe a e dira mme wa mo thusa. E re o dira jalo, Setswana se re, o tsaya motho yoo tema, e seng o mo tswa thuso. E re lenatetshapuo le rialo, seane sone se re, ‘Tema go lala ya setshwakga.’ Se raya gore, motho a le setshwakga, ga a ke a dira tiro e wela, e fela.

Go sale foo, malatsi ale ditshilo tsa mabele di ise di nne teng, go sa ntse go setlwa, go thugwa, ka kika le motshe, e ne e ka re o fitlhela motho a setla, le wena wa tsaya motshe wa setla, wa mo thusa. E re o dira jalo, Setswana se re, o a mo kitimeletsa. Go kitimeletsa mo, e ne e se ga go setla fela. Le mo ditirong tse dingwe batho ba ne ba kitimelediwa, ka go kitimeletsa ke go thusa. Mmaonene o ne a ka fitlhela Nkhabe a kgapha segotlo mme le ene a khubama a thusa. Go nne go twe Mmaonene o kitimeletsa Nkhabe, o tsaya Nkhabe tema. Jaanong a e se re, re ka bo re re go tsaya tema, ra re go tswa thuso. Nnyaa, ga se gone. Boemong jwa seo, a re re, go tsaya tema, kana, go kitimeletsa. Godimo ga moo, Motswana a bo a ka nna a re, go buledisa le fa gone re sa bue ka go tsamaya.