Naledi

Lister o tlhosetsa Maitisong

Lister Boloseng
 
Lister Boloseng

Morago ga dingwaga di le lesome a santshe pina epe, Lister, yo o tlwaelesegileng ka seletso sa Saxophone, o ne a itshupa fa e le modiragatsi wa motia le motlhami wa tlhotlhwa.

Go tsaya serala ga gagwe, o ne a go thuthafatsa ka go tlhomaganya dipina di le pedi, a budula lenaka la gagwe a na le tsala ya gagwe Andrew Kinganga, ba ba tlwaelesegileng ka go letsa diphala ka botswapelo. Go letsa ga bone go ne go supa fa ba go tsaya katlhwaafalo e bile bana le tomagano e ntle thata.

Dipina tse o di lesitse, tsa mmega ka botswerere, fa a di fetsa ka lentswe le le boleta a dumedisa barati ba mmino wa gagwe, a tloga a opela dipina tsa gagwe tse disha ka botswapelo jo bogolo.

Tiragatso ya maemo a akwa godimo e ne e dirwa ke baletsi ba dikatara tsa lentswenyana; Gee Rapoo le Kapenda Katuta ba ka bo bone e leng diletsi tsa pina. Lister yo o na leng maitemogelo a magolo a serala o ne a ba fa tlotla ya gore ba letse go supa ditalenta tsa bone. Katara ya kodu e ne e tshotswe ke mogaka Sakie Nonong yo le ene e leng mahatse yo o setseng e le karolo ya pina e kgolo mo Botswana. Keyboard e ne e tshotswe ka botswapelo ke Bonie Keabile, fa meropa ya ga Leroy Nyoni e ne e kgadikanela boatleng go loisa Moratiso.

Mo tiragatsong, mo gaka wa pina o ne a fa ngwana wa gagwe, Kefilwe Boleseng, go tseeletsa pina nae ya Malaika, le go opela tlhamo ya gagwe, tse di ne tsa supa fa le ene a na le bokamoso jo bontle mo pineng.

Makgarebe a gale Chedza Majwaba le Pretty Mothobi ba ne ba supa fa bokamoso wa bone le Lister, bo santse bo tshotse tse dikgolo.

Lister yo o tswang kgakala a opela le Abraxas, o ne a opela tlhamo e a e abetseng mongwe wa baopedi ba bagolo, Eric juba yo o re tlogetseng, e e neng ya dira gore sebini sa tlhotlhwa sa Jazz, Kesaobaka Keoreng a bue mafoko a segopotso sa ga Eric, a bo a tshase jaaka a tlwaelesegile mo seraleng sa Jazz.

Seromamowa sa Botswana, se ka gale se rotloetsang mmino wa mo gae, se ne sa dira ka botswapelo go ema nokeng moletlo o, ka botswerere ba beile dikapetlana tsa bone. Mo go bone ga bo go le bagolwane ba teng, ba akaretsa mme Keitirele Mathape, Sakaeyo Janie, Gilbert Mauco.

Go thusa mogaka, Lister o ne a tlhopha Gape Motswaledi le Kago Regoeng ba baneng ba diragatsa ka botswerere go feleletsa maitiso. Moroka Moreri le baboki ba Motlhaososa; Tlamelo Letlole, Tshepang Rahuma, Kopanang Tito, Gosego Letsatsi, Edwin Moroka, Baba Flo, Thuto Ntwayagae le mmamogolokwane Lesego Babutsi ba ne ba diragatsa poko, go ema nokeng Lister yo o neng a ba ema nokeng thata fa go dirwa kabo dietsele ya Setswana le kgatiso ya Alebamo ya Nkokowe.  Bagolwane ba mmino ba akaretsa Shima Monageng, Soccer Moruakgomo le Tomeletso Sereetsi ba ne ba tlile go bona mogaka wa lefatshe leno a a ja moko ka lepe. Go boletswe fa mo sebakeng Litser a tla tsamaya le Re Batswana Ensemble go digatsa kwa ntle ga lefatshe leno kwa Norway, Sweden le kwa China.

Lister yo o golotseng Moratiso e e tshotseng dipina di akaretsa “Sebouledi, Ke swafela, Mmamati,’ o ka akgolelwa mashetla a a a tsentseng mo diromamoweng go bapatsa alebamo ya gagwe. Lister o tsaya sekgele gape jaaka moopedi wa tlhotlhwa, go tsaya kgato go dirisa mafelo a tshwana le Maitisong go diragatsa mmino wa gagwe. Matsipana a a  mo godisa le go feta, go supa tlhwaafalo mo lenaneong la gagwe la go bapatsa thoto e ntsha.