Naledi

Kwena e thulanya morafe le bogosi

Se jaanong se dira gore morafe o supe bogogi jwa one ka monwana mo go se o reng ke semorafe fela se se papametseng ka bogogi jo jo bo sa bine kwena ka e le babinanare.

Mo phuthegong ya VDC e e eteletsweng ke Rahym Batshwaregi, magosana le kgosi ya motse, Kgosi Itsoseng Gaoonwe, le mothusi wa gagwe, Tumelo Puleng, Bakgwatlheng, Bashaga, Batshosa, Bakwele, le Batlhaping, ba go bolelwang e le bone ba ba nang le tshwanelo ya go busa ka e le bone ba tsileng pele mo Letlhakeng, ba ne ba bua ka tshakgalo ba re ba batla go itse motho yo o ntshitseng sekano sa sereto sa bone ebong kwena mo kgotleng morago ga go nna foo dingwaga di le dintsi.

Ka tota ngongora e ya go thubiwa le go ntshiwa ga kwena e ne ya tla ka komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), go ne ga bonala sentle gore kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Gaoonwe, le mothusi wa gagwe, Kgosi Puleng, ba ne ba seka ba batla gotlhelele go ikamanya le tshenyo e.

 Go ne ga bonala sentle gore VDC le morafe otlhe o o ngongoregang ga o kitla o bona karabo e e maleba mabapi le se, fa ese fela gore setshwantsho seo sa kwena se ntsheditswe go baakanngwa gore se tle se tlhomiwe se lebega botoka.

Kgosi Gaoonwe o boletse fa kwena e e ntsheditswe go baakanngwa.

Mme morago a tloga a fetogela mafoko a gagwe a bolelela komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) le magosana a gagwe gore gaa batle kwena eo mo kgotleng. A re go tshwantshiwe mosadi a setla le dikgomo di golegilwe.

 O ne a bua jaana ka tshakgalo fa magosana a leka go tlhaloganya bothata jwa kwena. Mothusakgosi Puleng, o ne a ba bolelela gore fa kgosi e buile e buile ga gona jaaka go ka fetolwa se. Magosi ba boletse gore phuthego e ke ya go bua ka dithulaganyo tsa molelo wa kgolagano le BOT50 eseng sekano sa kwena.

Mongwe wa bagolo, Richard Ngaka, o tlhalositse gore kwena e ke yone e kopanyang merafe yotlhe ya Letlhakeng ebong Baiphisi ba eleng bone ba goditseng molelo pele mo kgotleng, ba latelwa ke Bakgwatlheng, Bakwele, Batshosa, le Bashaga. Mme morago ga tla Babolaongwe ba eleng bone ba busang gompieno le mororo ba gorogile labofelo mo motseng o.

Bangongoregi ba tsweletse ka go bolela gore ba swabile thata go bona dikgosi tse di tsweletse ka go lwa le go nyeletsa dithoto le ditso tsotlhe tse ba di dirileng.

Ba ne baa fa sekai ka lefelo la matlo a badimo le eleng la ditso le bojanala. Ba re gompieno go beilwe motho mo go lone go ruela le go fela dikgomo tsa gagwe dijo mo go lone.

Ba re ba utlwisiwaa botlhoko thata ka lefelo le ele la morafe la ditso le bojanala le go tshwanelang gore ope a le neelwe go le itirisetsa.

Mabapi le lefelo le, morafe o boletse gore lekgotla la kaboditsha la Kweneng le dirile phoso ka tshwaragano le bogosi go baya motho mo go lone. Mme ba re ba tsile go ema ka dinao go lwa gore lefelo le le boele mo morafeng ka e le la one.

Morafe o ne wa tswelela wa bolela gore ka ntlha ya tshenyo le tlhakatlhakano e e kana ya babusi ba bone, ga gona kagiso mo motseng o, bogolo jang ba re ba utlwisiwa botlhoko ke kgethololo ya semorafe.