Naledi

Molelo o tsena Kweneng ka Kgope

Kgosi Kgari III
 
Kgosi Kgari III

A re molelo ga o simologe gompieno ka o tswa kgakala o ntse o kopanya malwapa le masika, eleng seo le one o wa kgolagano o tlhokang go neelwa tlotla e e o tshwanetseng.

Kgosi Kgari o ne a bua jaana a amogela molelo wa kgolagano wa ipelelo dingwaga tse di masome matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa mo kgaolong ya gagwe ya Kweneng kwa Kgope ka Matlhatso. Kgari  o boleletse bamoreetsi fa molelo o tswa kgakala le tshaba ya Botswana. A re bogologolo Batswana go akaretsa le morafe wa Bakwena ba ne ba tlotla molelo thata. A re ke sone seo e neng ere bana ba tshameka ka one ba kgalemelwe ka bogale.

O boletse fa mabaka a bogale jwa batsadi e ne ese go tshwenya bana ba bone, mme e le go supa ka fa molelo o nang le seriti ka teng. O tlhalositse fa go ne go sena lelwapa lepe le le neng le nna le sa gotswa melelo ka e ne e le one gape oo dirisiwang jaaka lesedi bosigo. Kgari are lesedi la molelo le ne le kopanya malwapa le masika. Fela jalo le bothito jwa one ka o ne o oriwa ebile o dirisiwa go apaya dijo gore Batswana ba kgone go ja.

Fa a bua ka o a neng a o amogela mo kgaolong ya gagwe kwa Kgope, Kgosikgolo Kgari o boletse botlhokwa jwa gore Mokwena mongwe le mongwe a itshware sentle, abo a tlotle molelo o fela jaaka o ntse o tlotlwa kwa o tswang teng.

O ne a bolela gore Bakwena ba tsaya molelo o wa kgolagano go tswa Bakgatleng  ba ba ntseng ba o tlhokometse ka manontlhotlho a magolo gore o tswe mo go bone o le mo seemong se se siameng. O boletse fa molelo o tsile ka nako e e siameng mo kgaolong ya bone. O ne a gatelela gore o tsile go ba neela lesedi le ba le tlhokang, go ba bopaganya go nna morafe o le mongwe fela o o nang le seriti, o bo o ba bonesetsa mo mosepeleng wa botshelo go ya pele.

Kgosi Kgari o kopile Bakwena mo metseng ka go farologana go tsena ditirelo tsotlhe tsa molelo wa kgolagano le tsa thulaganyetso boipuso. Are go dira jalo go ka ba supa e le morafe o o nang le boikarabelo ebile o rata lefatshe la one.

Fa a amogela molelo wa kgolagano mo motseng wa gagwe wa Kgope, Kgosi Victoria Kgosi Kgope, o boletse fa ba le motlotlo thata go bona e le bone kgoro ya ntlha ya Kweneng go amogela molelo o.  A re morafe wa gagwe o ntse o letile ka tsholofelo le boitumelo go amogela molelo o. A re ke sone se ba tsileng go o amogela ka makatanamane. O rile se ke sesupo sa gore ba itse botlhokwa jwa one.

Kgosi Kgope o ne a solofetsa gore le bone fela jaaka botlhe ba molelo o o setseng o fetile ka bone, le bone ba tlaa o tlhokomela fela thata. Mme erile go tsena ka Kgope mo Kweneng molelo wa  tswelela le go peperetla go tsena ka metse e mengwe mo kgaolong e.