Naledi

Moroka Moreri-Motlhatlei wa Poko ya Motlhaolosa

Moroka Moreri
 
Moroka Moreri

Naledi: Moroka Moreri ke mang?

Moreri: Ke mosimane wa goo Ntloedibe kwa Molepolole.

Naledi: O goletse kae kwa go go rutileng Setswana mo go kanakana?

Moreri: Kwa kgosing kwa kgotleng yoora Sechele. Ke ne ke nna le balelwapa la ga Kgosi Bonewamang, re ya masimo a gagwe a Mmamojewa. Lefelo le le nthutile Setswana thata. Ke goletse gape kwa Goo Ntloedibe kwa Setswana se neng se buiwa ka botswerere, kwa masimong a ga nkuku Mma Mosegeng kwa Mhatane. Kwa sekoleng sa Kgari Sechele II ere le mororo ke ne ke rata Sekgoa thata ke le wa mokgatlho wa Debate. Morutabana Spunch Masilomangwe o ne a nthatisa Setswana thata. Kwa Molepolole College of Education bomme Barulaganye Thedi, Atang Tshukudu le Mma Pusoloso ba ne ba nkaga mo go sone. Ka agiwa ga motia kwa mmadikole ke Prof Batibo, Drs Pearl Seloma, Rrenyane Dikole, Prof Kezhilahabi, le Branki Nhlekisana gore ke tshephe thata gore Setswana sena le mosola. Botlhe ba ba nonotshitse poko yame go sena molekane.

Naledi: O rutilwe go boka ke mang?

Moreri: Ke ithutile go boka ke thotloetso ya baboki ba akaretsa Rre Rabojalwa Keetile yo ke mo ratang thata. Go reetsa Rre Ratlou Sebetlela go ne ga nkaga. Mme ka bala thata poko ya borre Moabi Kitchen, Leetile Raditladi, RD Molefhe, le go reetsa dipina le maboko.

Naledi:             Motlhaolosa Poetry Ensemble (MPE) ke eng?

Moreri: MPE ke setlhopha sa baboki, bakwadi le barotloetsi ba le 11 ba ba ititeileng dihuba go tlhabolola poko ya Setswana.

Naledi: MPE e tlaa tlhabolola jang poko ya Setswana?

Moreri: MPE e na le maano a ka nna marataro ebong go ruta bana mo Botswana le Aferika Borwa go boka, go dira lefelo la go tlotlomatsa baboki ba pele, dira dihikantswe tsa bagaka ba pele ba poko, go baya matlapa mo diphuphung tsa bagaka ba pele ba poko, go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka bagaka ba pele ba poko, le go rotloetsa dikgaisanyo tsa poko mo mafatsheng a borwa ja Aferika.

 

1. RUTA POKO

Naledi: MPE e tlaa ruta bana poko jang?

Moreri: Re simolotse ka go inaakanya le dikole kwa bana ba leng teng, re tlhame mekgatlho ya poko. Re rutuntsha barutabana ba ba nang le kgatlhego ka poko mo dithuto-puisanyong gore ba tle ba rute bana. Bana le bone go laletswa ba ba kgatlhegelang go boka. MPE e etela dikole gangwe le gape go thusa mo thutuntshong ya mekgatlho. Bana ba tlaa rutwa ka fa maboko a balwang ka teng, go etsa baboki ba bagaka ba pele, le gone go itlhamela maboko.

 

2. NTLO YA BAGAKA BA POKO

Naledi: Ntlo ya bagaka ba poko ke eng?

Moreri: Ntlo ya bagaka ba poko e tshwana fela le motlobo wa ditso. Parologanyo e tlaabo ele go remelela mo bagakeng ba poko. Setshaba se ka ithuta mo go tseneletseng ka matshelo a bagaka ba ka go etela matlo a go nna jaana gope fela kwa a tlaabong a le teng mo lefatsheng leno.

Naledi: Matlo a bagaka ba poko aa go agiwa kae?

Moreri: Ntlo yantlha ya sebopego se ea go agiwa mono Gaborone kwa yunibesithing ee ikemetseng ka nosi ya ithutelo ditiro ya Linkonkwing. E solofeditse MPE kamore ele nngwe go simololela tiro mo yone. Re sale mo dipuisanyong le puso. Mme tsholofelo ke gore pheletsong puso e age lefelo la poko (Poetry Park) kwa tsotlhe tse di amanang le poko di ka bonelwang di ba di direlwa teng. Poetry Park ke lefelo le le kwa ntle kwa go tlaa bonwang dihikantswe tsa bagaka ba poko.

 

3.  DIHIKANTSWE TSA BAGAKA BA PELE BA POKO

Naledi: MPE e ikaelela go aga dihikantswe tsa bagaka ba poko. Goreng le dira jalo, ebile le tlaabo le tsaya ditsompelo kae?

Moreri: Lefatshe gase la mapolotiki fela. E bile gase bone fela ba ba le diretseng ka botswerere. Bagaka ba poko le bone tswerefetse mo tirong ya bone. Re batla go ba lebogela se, le go se baya mo pepeneneng gore setshaba le dikokomane di se lemoge di bo di se itumelele. Re tlaa tswelela re kopa dithuso mo pusong, dikomponeng le mo setshabeng. Mme fela jaaka ke boletse kgantele, dithuso di tlaa re fitlhela re ntse re ipelega ka se re nang naso. Thulaganyo e tlaa tswelela goyagoile.

 

4. GO BAYA MATLAPA MO DIPHUPHUNG TSA BAGAKA BA POKO

Naledi: Matlapa one le a beelang mo diphuphung tsa baboki?

Moreri: Bagaka ba bantsi ba poko ba sule ba ba fitlhwa go sena seriti le thompho epe le mororo ba diretse setshaba ka boineelo, botswerere le bonatla. MPE e batla go fetola seemo ka go busetsa seriti le thompho mo bagakeng ba mororo ba setse ba ithobaletse.

E tlaare mo bogautshwaneng re simolodise thulaganyo e ka go baya letlapa mo phuphung ya mogaka wa pele wa poko wa Mokwena, Ratlou Sebetlela. Fela jaaka ya dihikantswe, ke thulaganyo ya mogogamoleele.

 

5. DIPATLISISO KA BAGAKA BA PELE BA POKO

Naledi: Dipatlisiso tsone bokao jwa tsone ke eng?

Moreri: Maikaelelo a dipatlisiso ke go farantlholola mo go tseneletseng ka matshelo a bagaka ba poko go dira kitso e go ka buiwang ka yone mo diphuthegong tsa thuto (public lectures), dithutong, dibukeng, ditshwantshong tsa motshikhinyego, diromamoweng, dithelebishineng, le dikoranteng.

Go diragatsa se MPE e na le setlhopha sa ditsala tsa barutegi kwa bommadikole se se itlamileng go thusa mo dipatlisisong.

Bamalwapa le ditsala tsa bagaka ba poko le bone ba tlaa ngokwa go gopa mo go tseneletseng ka matshelo a bagaka ba pele go ba tumisa mo lebopong lotlhe fela jaaka Moesemane wa setungwane sa poko le bokwadi, William Shakespeare.

Naledi: Dipatlisiso tse di a go simolola ka mmoki ofe di dirwa ke mang?

Moreri: Re tlaa simolola ka Rre Leatile D. Raditladi yoo itsegeng thata mono le kwa Aferika Borwa ka bokwadi ja dibuka tsa poko le padi. Mmatlisisi mogolo ke Dr. Dudu Jankie wa Yunibesithi ya Botswana. Mme o thusiwa mo tirong ke Prof. S. Matjila wa Aferika Borwa, Prof. Thapelo Otlogetswe wa Yunibesithi Ya Botswana, le nna. Dipatlisiso di tlaa nna di tswelela go akaretsa bagaka ba bangwe ba poko jaaka bo Moabi Kitchen, R.D. Molefe le ba bangwe.

 

6. THOTLOETSO YA DIKGAISANYO TSA POKO MO BORWA JA AFERIKA

Naledi: Tlhalosa ka thulaganyo e.

Moreri: Gona le Batswana mo mafatsheng ale mmalwa jaaka Aferika Borwa, Namibia, le Zimbabwe. Ke sone se re ikaelelang go nonotsha kitso le tiragatso ya poko mo kgaolong e.

Re tsweletse ka go itshwaraganya le makgotla a le mmalwa mo mafatsheng aa mabapi.

Naledi: Le dirisa methale efe go rotloetsa poko mo mafatsheng a kgaolo ya borwa ja Aferika?

Moreri: Re rotloetsa mekgatlho go aga matlo a setso mo dikoleng ka a tsamaelana thata le ngwao le poko tsa Setswana.

Ntlo ya Setswana e supa ka mokgwa oo kgethegileng botshelo jwa Motswana. Kwa Gopane kwa Aferika Borwa, go tla bulwa ntlo ya setso mo sekoleng se sebotlana sa motse oo Phatwe a tlhola ga 12, 2016. Moletlo oo o tlaa bulwa semmuso ke kgosi ya Gopane.