Naledi

Debswana e ema nokeng tsa lerole

Fa a bua le Naledi ka Mosupologo, Keitireng a re tumalano ya bone le Debswana e tla simolola ka ngwaga wa setlha sa liki ya bone ya 2016/17, mme e solofetswe go wela ka ngwaga wa 2018/19. 

Keitereng a re ba Debswana go fitlha ga jaana e supile fa ba itumelela tirisano mmogo ya bone le botsamaisi jwa liki e ya ntlha.

Keitireng yo bontsi jwa nako a itebagantseng le liki ya ntlha ya Borwa ele Monnasetilo, a re le bone ele batsamaisi ba na le boikarabelo ja go ela tlhoko gore liki e tsamaya sentle gore barotloetsi ba tie moko. A re maikarabelo a mangwe a bone ke go netefatsa fa barotloetsi ba sireletsegile.

E re le ntswa Keitireng a sena letsatsi le le tlhomameng la gore liki mme yone e tla simolola leng, a re gone mme ba solofela gore e simolole mo nakong e sa fediseng pelo. Keitireng a re etse tlhoko seemo sa gore liki e kgolwane le yone e tla simolola thari jaaka mokwalo go tswa kwa BFA o supa fa liki di tla nama di eme pele go fitlhelela dipaakanyo tsa Bot50 di fela.

Keitireng a re ba itumelela ka fa ditlhopha tsa bone tse di tlhatlogelang kwa liking e kgolwane di tsweletseng ka teng. O file sekai ka ditlhopha di tshwana le Miscellaneous, Green Lovers le Jwaneng galaxy a re ke ditlhopha tse di gatileng molomo wa tlase, ka jaana di itshetletse sentle mo liking e kgolwane.

O tsweletse ka gore thulaganyo ya go dira bolo kgwebo le yone, ga ba e lebala mme ba ka itumela thata fa BFA e le yone e ka etelelang mogopolo o pele. “ Ke mogopolo o tlhokanang le dikitso le gore go berekwe ka thata”, ga bua Keitireng.

Fa Naledi e mmotsa ka tshwetso ya phuthego ya BFA e ne e tshwerwe bosheng ya go itshwarela setlhopha sa Notwane, Keitireng a re ga ba na bothata mme ba ka itumela fa go ya pele dilo di ka tsamaisiwa sentle. “Re tla bo re le bo mang go ganana le tshwetso ya phuthego e tona ya bolo”, ga botsa Keitireng.

Naledi e ne ya mmotsa gape ka mogopolo o bangwe ba ntseng ba bua ka one thata wa gore, liki tse di potlana di e le tlhoko dingwaga tsa batshameki gore go somarelwe kgodiso ya batshameki ba ba tswang kwa tlase.

Keitireng o ne a re le fa ba ise ba nne fatshe go tsaa tshwetso go pateletsa ditlhopha go tshameka ka batshameki ba ba dingwaga tse di rileng, gone ba rotloetsa thata ditlhopha tsa bone gore di leke go tshameka ka batshameki ba ba botlana.