Naledi

Orange e rotloetsa bodiragatsi

 

Chilinde-Masebu o buile se bosheng mo potsolotsong le Naledi a tlhalosa fa moletlo wa maitiso a mmino wa Orange Togetherness o rotloetsa kgodiso le kemonokeng ya baopedi, bo setlabosheng le ba ba setseng ba segile tema mo mererong ya baopedi le bodiragatsi. Chilinde-Masebu o buile se morago ga maitiso a kompone ya gagwe a aneng a atlega kwa Tsabong ngwaga o simologa le kwa Jwaneng ka mafelo a beke.

A re mo maitisong a, ba laletsa baopedi ba mafatshe a sele jaaka ba Aferika Borwa, e bile ba tumile, mme ba diragatse le ba mo gae.

“Re laletsa bao ba ba setseng ba itiretse maina kwa Aferika Borwa mme ba diragatsi le ba mo gae, maikaelelo ele gore bone ba batswang kwa ntle ba rotloetse ba mono gae,”

Chilinde-Masebu a tlhalosa jalo. O tsweletse a bolela fa maikaelelo ele go anamisa maitiso a Orange Togetherness go ralala lefatshe leno ka bophara mme ebile Maitiso a itebagantse le meletlo e e tsweletseng ya go keteka Boipuso jwa lefatshe leno. .

Maitiso a a setse a ngokile baopedi jaaka bo Dr Malinga le UHURU go tswa Aferika Borwa magareng ga bangwe. Mme mo gae a setse a rotloeditse diopedi le badiragatsi ba ba tswakanyang mmino (DJs) go tswa madirelong a a gatisang mmino a le mmalwa.  Bangwe ba bone ene ele bo Mapetla, T.H.A.B.O., BK Proctor, DJ Chrispin, Licki, DJ Sly, Franco, Vee, Slizer, DJ Obza, Eskimos, Dramaboi le ba bangwe. 

Mangwe a mafelo a maitiso a, a tlayang tshwarelwa teng ke Gaborone ka kgwedi ya Lwetse ele masome a mabedi le bone (24 September) mme go latele kwa Orapa ka  Ngwanaatsele ale masome a mabedi le borataro (26 October) mme maitiso a, a felela kwa Tonota ka Sedimonthole ale masome a mabedi le boraro.

Batswana have shown great appetite and appreciation for the Orange Togetherness Celebrations tour as they continue to attend the shows in large numbers. Since beginning of the year, we have had music festivals in Maun, Palapye, Tsabong and recently Jwaneng, all which attracted massive crowds.

 Orange has a solid background when it comes to supporting the arts and culture in Botswana. That is why we have OTC this year aligned to Bot50 celebrations as a reminder of how far we have come with our local artists. Through the music festival, we continue to profile local artists and nurture their talent.

We are looking forward to even greater shows in the next coming months. The next show will be in Gaborone on 24th September, followed by Orapa 26th November and the grand finale in Tonota on 23rd December 2016.