Naledi

Botlhokwa jwa Pherehere

Merafe ya mafatshe a kwa moseja wa mawatle a botlhabatsatsi e tshwana ya maIndia, le ya mafatshe a America yoo kwa borwa, jaaka kwa Mexico, ba e rata bobe chilisi.

Jalo he, bontsi jwa rona ga re itse fa pherehere fela jaaka dimela tse dingwe e na le mosola mo botsogong jwa rona. Tota le ka fa letlhakoreng la kalafi ya makoa ka bontsi. Baitsaanape ba kwadile ka se, mme re tlaa batlisisa mo puisanyong ya rona.

Pele ga re tlhodumela thata, a mme re a itse gore pherehere ke leungo eseng morogo jaaka bangwe ba akanya? Fela jaaka ke tle ke latlhele ka teme ya baitsaanape, chilisi e bidiwa Capsicum annuum, e tswa mo losikeng lwa setlhatshana sa Solanaceae. Chilisi e mefuta mebedi.

Ke e khibidu le e e botala jo bo tseneletseng jwa tlhaga.

A ere go ise go e kae, re tlotleng ka ditso tsa semela se mme re itse gore se tlholega kwa India ka dingwaga tsa bo 1400, bogologolo tala ele ruri.

E tswa kgakala e dirisiwa jaaka molemo o o bidiwang Avurvedic, oo neng o dirisiwa go tsibogela malwetse a mantsi.

Chilisi e na gape le dikotla tse di farologaneng tse di botlhokwa thata jaaka tsa vitamin A, B, C, le E.  Kotla ya vitamin C e ntsi go na le e e fitlhelwang thata mo dinamoneng.

Fa re gateletswe ke mhikela kana flu re nwa metsi a a bothitho a a nang le motswako wa vitamin C kana re je namone kana naraki. Mme fela chilisi e di feta ka vitamin C.

Dikotla tsa vitamin A, C le E di na le motswako o o thusang go sireletsa mmele mo ditlamoragong tsa makowa a go tlhakatlhakana ga maikutlo kana stress, le a mangwe fela jalo. Go koafala ga masole a mmele go kgona go ama ditshika tsa mmele. Mme seemo se se dire gore motho a nne mo matshosetsing a go amiwa ke dikankere dingwe. Metswako e e fitlhelwang mo chilising e thusa go lwantsha dikankere. E thusa gape go lwantsha mafura a a ikokoantseng aa ka felelang a baka dikgwethe mo ditshikeng tsa mmele. Seemo se se kgona go dira gore motho a tlhagogelwe ke malwetse aa borai a pelo. Go ja chilisi go ka thusa go hema go swa mohama/mhama le go fokotsa mafura mo mading a motho.

Chilisi e kgona gape go fefosa madi go ya kwa motho a ka tswang a na le ntho teng.  Mme go dira jalo ke go bolaya mogare o o ka tswang o amile ntho. Leungo le le ka thusa gape go tsibogela makoa a makgwafo, go kabolola dinko kana mantshwatshwa le go kabolola maroba a go hema a makgwafo. Mme go dira jalo go fokotse go hema ka bothata bogolosegolo fa motho a robetse, selo se gantsi se diragalelang banwi ba bojala thata, le bao ba ba gogang motsoko.  Go botlhokwa gore batho ba ba gogang motsoko ba je chilisi e ntsi. Chilisi e thusa gape ka go eletsa dijo bogolo segolo fa motho a sena keletso ya tsone ka ntata ya bolwetse.

E thusa gape go repisa mala bogolosegolo fa motho a bipetswe. Mo go bao ba ba eletsang go fokotsa bokete jwa mmele ba ka ja chilisi gangwe le gape. Chilisi e kgona gape go thusa go fokotsa leswe le le ikagileng mo mmeleng mme se se dire gore dikarolo tsa mmele di inamole mo lesweng le.  Kwa bokhutlong, chilisi e na gape le potase le manganese le tshitswana, tse tsotlhe di siametseng mmele wa motho. Potase e thusa go aga masole a mmele le go laola makowa a pelo le madi a matona.