Naledi

Ditso tsa Batswana: Kgaolo1

 

Leina la buka:  DICO TSA SECWANA (DITSO TSA SETSWANA)

Mokwadi le morulaganyi: A. J. WOOKEY

Bagatisi: THE SOUTH AFRICAN DISTRICT COMMITTEE OF THE LONDON MISSIONARY SOCIETY at the BOOK ROOM TIGER KLOOF NATIVE INSTITUTION

VRYBURG, CAPE COLONY

1938

Go gatisiwa ga buka e ka 1938 go supagala fa e ne ele ga borataro e sena gatiswa labobedi ka 1921. Se se raya gore e gatisitswe lantlha pele ga foo.

Mokwadi wa buka e, A. J. Wookey, o sale a lemogile go sale gale gore dipolelo le ditso di kgona go timela fa di sa somarelwe. Se sene sele motlhofo bogologolo pele ga bathobasweu batla mo borwa jwa Aferika ka go ne go sa kwalwe dipolelo le ditso tse di fetisediwang kwa dikokomaneng fela ka puo ya molomo. Mme fela jaaka re itse selabe se tla le motsaakgamelo.

Fa dipolelo di ntse di fetisiwa ka molomo jaana mo baneng le dikokomaneng, di eta di fetoga go fitlhelela di latlhile molaetsa wa tshimologo gotlhelele.  Le fa gontse jalo, buka ee ne e ikaegile ka dipolelo tsa bagolwane le magosi a merafhe ee farologaneng ya Batswana mo borwa ja Aferika. Mokwadi Wookey o tlhalositse fa a tsere dipolelo mo magosing kana baemeding ee farologaneng. 

Mo godimo ga dipolelo le dipuisanyo, Wookey o ne a tsaya ditso tsa Becwana (Batswana) mo mekwalong ee neng e dirwa ke bathobasweu ka bone ba ne ba itse go bala le go kwala. Mo mekwalong bothata ja phetogo ya polelo ka ntlha ya dingwaga go feta, bo ne ja fokotsega. Se se neng se ka tshwenya fela e ne ele maikutlo a mokwadi mabapi le ditiragalo.

Jaaka re itse lefatshe la Batswana (Becwana) ke Bechuanaland. Mme Batswana ba ne ba dirilwe ka merafhe ele mentsi le fa kwa tshimologong bathobasweu ba ne ba akanya gore morafhe o le mongwe. Merafe e, le pele ga go goroga ga bathobasweu e ne e tshela ka go kubetsana le go lwa. Ka jalo ditso di ne di fetolwa ka dinako dingwe go lebilwe mabaka a botshelo a nako eo. Ka ditso di ne di fetisiwa ka dipolelo tsa molomo go tswa mo batsading goya baneng le dikokomaneng, mangwe mafoko, ditiragalo di ne di timediwa, di fetolwa kana di lobiwa gotlhelele. Ere fa go nna jalo boammaaruri bo tswakanngwe ka diane.

Dingwaga tsa pele ga bathobasweu batla mo borwa ja Aferika le tsa ba sena go tla pele ga boipuso ja Botswana e ne ele tsa mekubukubu le dintwa magareng ga merafe ya Batswana, Batswana le bathobantsho ba bangwe jaaka Matebele, Batswana le bathobasweu jaaka Maburu, Majeremane, Makgoa le ba bangwe.

Bathobasweu ba Holland, ebong Maburu ba gorogile kwa Kapa (Capetown) ka ngwaga wa 1652. Makgoa go tswa England bone ba gorogile ka 1795. Mme yare ka 1803 ba nnela ruri ba bo ba tsaya bogosi le lefatshe mo Maburung.

Bathobasweu ba fitlhetse Mahotentota le Basarwa  kwa bophirimatsatsi ja Kapa le Baxhosa, Bafingo le Bazulu kwa botlhabatsatsi ja Kapa. Merafe e e ne e dirisa bora le metswi, tshaka le molamu ele ditlhabano tsa bone mme ba iphemela ka thebe ya letlalo la kgomo. 

Nako eo naga e ne e saila diphologolo ka mehuta. Kgabagare tsa fetswa ke tlhobolo le pitse e khunwana ya bathobasweu.

Batswana ka merafe ya bone ga go tlhalosege gore ba ne ba le kae fa bathobasweu ba goroga kwa Kapa. Wookey o tlhalosa fela gore ba ne ba itse go epa borale mme ba thula tshipi ka jone. Tshipi e ne e gotetswa mo moubeng mme go felelwe go dirilwe didirisiwa tsa methalethale  jaaka thipa, selepe, tshaka, mogoma, kepu le tse dingwe jalo.

Wookey a re metlobo e go neng go rahiwa borale mo go yone e ne e fitlhelwa kwa Lehurutshe, Gammangwato le Mokwena.

Gago tlhalosege gore kwa mafelong afe kwa Mokwena le Gammangwato. Le fa go ne gona le borale kwa dikgaolong tse, dikgeleke tsa go thula tshipi e ne ele Bahurutshe, Barolong, Batswapong le Bakalaka. Batswana ka kakaretso ba bolelwa ba ne ba le ditswerere mo go sugeng matlalo le mo go rokeng le go segeng dikobo le diaparo tse dingwe ka one.

Le ka nako ya fa Wookey a kwala buka e go ne go sena dumalano gore leina Becwana/Baachwana kana Batswana le raya eng.

Bangwe ba ne ba re le raya batho b aba tshwanang le maAferika a mangwe. Bangwe bare go tewa batho ba ba palelwang ke go dumalana. 

Le fa tshimologo ya leina la Batswana e sa itsewe, bone tlholegile kwa Transvaal kwa Aferika Borwa mme ba anamela bophirima go fitlha kwa Kgalagadi, Boteti le Nhabe.  Wookey are ka ngwaga wa 1820 ditshaba di ne tsa heretlhega dintwa simolola merafe e gailana ka ditshaka. Foo merafe ya Batswana le ditshaba tse dingwe tsa tlhakatlhakana gole merusu gongwe le gongwe. Ke belaela fa nako e ne le yone e baitse ba ditso ba e bitsang Difexane.