Naledi

Tsosoloso Ngwao

Selo se se a itumedisa ka se thusa gore merafe e itseye motlhala go tokafatsa tse di ka e berekelang le go tlogela tseo tse di senang pele le morago.

Merafe ya Botswana e atlegile ka go farologana go tswa fela mo botlhageng ja ba ba neng ba eteletse pele tiro eo.

Puso ya Botswana yone e lekile bojotlhe go rotloetsa tsosoloso ngwao ka go nna le malatsi le dikgaisanyo tse di kgethegileng tsa malatsi a ga tautona a go dira jalo.

Mo godimo ga go tsosolosa ngwao di file merafe e mengwe ya Botswana go akola le go ithuta ka ditiragalo tse.

Fa re leba kwa ditiragalong tse di sale di tlholegile le Batswana re ka gopola dikgafela, letsema, bogwera le bojale, dithubaruba kwa Kweneng, meletlo ya Domboshaba le Kuru.

Ditiragalo tse tsotlhe di leka go tsosolosa ngwao ee neng e lebalesegile. Mo tsosolosong e, dingwe di ne tsa latlhega mme tsa emisediwa tlhabololo ya tse ngaparetsweng.

Mme mo go tse di tsweledisitsweng re solofelwa fa tlhabololo ya tsone e tlaa tsamaelana le mabaka a gompieno. Go tshwanetse ga nna jalo ka tshaba nngwe le nngwe e tlamega go dira se se e berekelang mo go tse di tswang mo ngwaong ya bogologolo.

Re solofela fa mowa wa tsosoloso ngwao o tlaa nna o jwelelela mo merafeng yotlhe ya Batswana goyagoile.

Mo go tse di ka bolokwang mo maranyaneng a internet go dirwe jalo gore dikokomane di tle di di fitlhele di santse di ka dirisiwa le mororo a tlaabo a setse a gatetse pele thata.

Tsholofelo ke gore maranyane a masha a go boloka dikitso a tlaa nna a kgona go bala aa tsileng pele ga one.

Go tshwanetse ga nna jalo tlhabololo e tshwanela go tlhofofaletsa badirisi tiro.