Naledi

Mmaratwa, Matlotla ba galefile

Bosheng jaana go somotse Mmaratwa yo o tumileng thata ka pina ya Setilo sa Matlabane e a neng a e golola ka ngwaga ya 2014 le Abel Sename yoo itsegeng ka leina la Matlotla fa a palama serala sa bodiragatsi.

Bobedi jo bo boleletse Naledi fa botswa kgakala le mmino le poko ya Setswana. Ba bala dingwaga tsa bonana ba sale kwa sekoleng se sebotlana, kwa ba reng ba ne ba kgaphisa balekane le bomogoloabone sethitho fa go tsenwa kwa fa borankaneng. Gago hakgamatse go bona mongwe le mongwe a ikemetse ka nosi go supa talente ya gagwe, mme ebile ba setse ba tsere barati le balatedi ka setsokotsane ka kopelo ya bone.

Mmaratwa yo o itsegeng thata ka puo e e nonneng ya Setswana, ke mosetsana wa Ga-Maila a bobebela, go tswa kwa Kanye. Mosetsana yo o golotse alebamo ya gagwe e ntsha, e le ya bobedi, ee bidiwang ‘Tsholetsa ditlhako Ranngasi’. 

Mo go yone go dipina di robabobedi tse a reng ke mokwalo le ditlhamo tsa gagwe le lekolwane Obakeng Mooketsi. Tsone ke Bokwena, Tsholetsa ditlhako Ranngasi, e e leng yone setlhogo sa alebamo, Kelapile, Thobane, Go thata, Magosi, Serodumo le Molelo.

Dipina tse di logilwe ka botswerere. Se se itumedisang ke go utlwa ka fa monana yo a itseng puo ya Setswana ka teng, le ditiro tsotlhe tsa Setswana. O bua fela ka dirwe tsa kgomo jaaka okare ke monnamogolo wa lekgorokgoro.

Mme ebile le tsone dinama tse di jewang ke basadi mo lwapeng ka nako ya mediro o di itse thata, eleng seo a tumileng go le kana.

Mo pineng ya Tsholetsa ditlhako Ranngasi, Mmaratwa o bua ka bobedi jo bo sa bolong go ratana, mme bothata e le go sa tsholeng ngwana. A re ke dingwaga tse di lesome mme ga gona nnyee.

Potso ke gore a mosadi o timilwe thari kgotsa monna o ditlhako di bonya. O kopa gore monna a dire ka bonako go tshola bana ka mosadi o tloga a emisa go tlhatswa, a tshwara dingwaga tsa bogolo. Ke pina e e tshotseng molaetsa, mme ebile e binega.

Pina e nngwe ee tlaa ngokang tatedi ke ya bone ebong Thobane, fa go buiwa ka thobane ya lorato.

A re o latlhegetswe ke thobane ya gagwe ya lorato. A re o taboga ka bonya, ka moratiwa e a re ba emelela a mo siye a goroge kwa go iwang pele ga gagwe.

A re se ke ka gobo a setse a tsofetse, mme o omanyediwa se, a ngalelwe. Pina e e bua ka puo e e bofitlha. Fela, e a utlwala le go tlhaloganyesega fa e reeditswe ke bagolo.

Dipina tsotlhe tsa alebamo e, di supa kgolo ya ga Mmaratwa, mme go bonala sentle gore mosetsana yo o tla a ya kgakala le mmino o wa Setswana bogolo jang ka a dirisa yone puo e bontsi ba Batswana ba e ratang segolo bogolo

Lekolwane Abel Sename kgotsa Matlotla, ke mosimane wa Mokgatla go tswa ntlheng e le ya noka ya Madikwe. Motse one e le wa Mmathubudukwane. Le ene o ne a intsha maswe dinaleng ka alebamo ya gagwe ya ntlha, Lefukufuku. Alebamo e le fa e le ya ntlha ya gagwe jaana, a re o tswa kgakala le mmino o wa borankana. Mme ebile o ntse a suputsa ba bangwe mo dikgaisanyong ka go farologana, bogolo jang mo pokong.

Lefukufuku e na le di supa.

Ya ntlha e le Kamponwane, Lefukufuku, Ke mmonye mosadi, Kgakga nnana, A le nthoma go jewa, Emang banana le Molelo tse di kwadilweng le go tlhagisiwa ke ene Matlotla ka sebele.

Dipina tse di tshotse molaetsa o o humileng jaaka Kamponwane e e buang ka basetsana ba ba tsholang bana gompieno kamoso ba bo ba setse ba apere mesese e mekhutshwane kwa dibareng go itisa le go nwa bojalwa ba tlogetse masea.

 Alebamo e e supa sentle gore Matlotla ka boammaaruri ke motho a itse se a se dirang.