Naledi

Mafitlhakgosi e abelana ka bodiragatsi

Kopano Mantswe (seaparo se se lephutshe) a ruta banana ka seletso tsa moropa
 
Kopano Mantswe (seaparo se se lephutshe) a ruta banana ka seletso tsa moropa

Ikopeng o dirile thotloetso e ka Matlhatso kwa kgaolong Gaborone ya Old Naledi, mo thuto-sekadipuisanong e setlhopha sa gagwe se neng se e rulaganyeditswe banana ba kgaolo ya Old Naledi le tse di mabapi. Ikopeng yo o tlwaetsweng mo mererong ya bodiragatsi ka leina la ‘Boloko 7’, o ne a bolela fa go iteba ka nosi ga badiragatsi gole diphatsa ka kgabagare ele bone badiragatsi ba ka iphitlhela bale fa naka tsa nare gore gongwe dilo di seka tsa ba tsamaela sentle.

Ikopeng o ne a bolelela batsena bokopano gore Motswana wa maloba o kile ‘matlo gosha mabapi’ a raya gore batho ba tshwanetse ba amogana maitekodiso tota le go ntshana seinong ka matshelo a bone. A re sekai sa bodiragatsi ke gore baopedi ba ba setseng ba segile tema mo bodiragatsing ba tshwanetse ba amogana dikitso tsa bone le bo setlabosheng gore bokgoni jwa bone le dikitso tsa bone di seka tsa huduga le bone.

Mo diragatsi yo wa tlhwatlhwa, a re kwa tshimologong ya go tlhamiwa ga setlhopha sa Mafitlhakgosi ka 2009, bane ba itebaganya le bana ba ba dingwaga tse tlhano go ya kwa go ba ba dingwaga tse masome a mararo le bobedi.

“Motswana a re le ojwa lo sale metsi, mme re bone gole botlhokwa go ruta bana ba sale ba nnye gore gongwe fa re lapa ba tsweledise thulaganyo ya dikitso tse ba di anywileng mo go rona.

Ikopeng o gakolotse badiragatsi go tsenelela dikgaisano tsa malatsi a ga tautona bale ipopile ditlhotswana gore kgaisano e remelele thata mo bokgoning jwa setlhopha sa badiragatsi go na le fa motho a le mogwe.

Ya re a itebaganya le go engwa nokeng ga badiragatsi ba mono gae ke puso le barotloetsi ba bangwe, Ikopeng a kopile gore dituelo e nne tse di botoka gona le seemo sa badigatsi ba batswakwa ba dumelwang go feta ba mo gae. O bile a rotloetsa badigatsi ba mo gae go natifisa dipina tsa bone ka diletso tsa setso sa monogae.

Ya re a ntsha la gagwe, mogolwane wa lekgotla la badiragatsi ba mo gae (BOMU) ….Mmusi a tlhalosetsa batsena bokopano ka maitlamo le ditiro tsa lekgotla leo mme a tswelela ka go tlhalosa fa go le botlhokwa go nna leloko la lone. A re ka dinako dingwe badiragatsi ba ka tlhagelwa ke diemo tse ko pheletsong di ka lopang kemonokeng ya BOMU.

Thuto-seka-dipuisano e ene e tseneletswe ke baitsaanape ba mmino le bodiragatsi mo go bone ele Kopano Mantswe yo ene a eng a rutuntsha ka seletswa sa moropa. Mantswe o kile a diragatsa le setlhopha sa Stepping Razor le Banjo Mosele. Ga bo gole Keagakgotla Sejamokgalo ene a ruta go letsa Segankure kana Segaba. Morutuntshi yo mongwe ya bo ele Coster Sephekolo ene a ruta ka katara le Edward Moroka a ruta ka bodiragatsi jwa serala.

Bangwe ba ba rutuntshi ene ele James Dikgomo ka mmino wa setso jaaka borankana, Shandulani Makandari ene a ruta ka mmino wa Wosana, e seng Hosana jaaka batho ba tlwaetse go o bitsa. Thuto-seka-dipuisano e ene e tshwaretswe kwa sekoleng sa Tshwaragano mme e rotloediwa ke Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao. Maikaelelo a yone ene ele go ruta bo setlabosheng le banana ka kakaretso ka diletswa tse di farologaneng ga mmogo le mebino ya merafe ya Batswana ka go farologana.