Naledi

Mabaka a go tenega - Kgaolo 2

Bontsi jwa rona re amilwe ke mogare re sa itse seemo sa ba o ba reneng re tlhakanela dikobo le bone. Le fa gone bangwe re ne re itse ka seemo sa bone, mabaka a go ikotlhaele diemo tse a a farologana. Mme le fa gontse jalo, maikutlo o ne a tla tswelela a tlhakatlhakana le gone go tenega mabapi le seemo sa go tshela le mogare, le fa re tshwanetse ra gwetlhega go sedilwa maikutlo ka mabaka a seemo se.

Mangwe a mabaka a go tenega a seemo sa go tshela le mogare wa HIV ke aa bakwang ke dipotso tsa gore, ‘ke eng ke amilwe ke mogare? Ga ke a dira phoso, kana, a ga ke a utlwisa ope botlhoko? Kgang e nngwe ke ya go amiwa ke mogare o sale monana. Seemo se sena le mabaka a mantsi a a ka bakang go tenegela pele fa o ntse o gola.

Fa gongwe e ka nna gore o nne bonolo thata mme o feletse o ka tsena mo diphatseng tsa go kgokgontshwa ka mafoko kana ka senama, kana ka kiteo. Se seabo se dirwa ke gore o batla go gololesega mo moeng wa nako ele, ya fa o simolola go itse ka seemo sa gago mogare mme morago o iphitlhele o tsere tshwetso ya go ineela mo bathong ba o tseelang gore ba a go rata kante ga go a nna jalo. A kere o a bo o dira jalo go timola chakgalo e e mo mafatlheng a gago.

Tota fela, re supa go tenega ka tsela e e ntseng jang mo seemong sa go tshela le mogare? E ka nna ka go lelela mo sephiring sa gago, e ka nna gape go lela fa o akanya thata ka pina kana sefela se se opelwang ebile sena le mafoko a a gaufi le seemo se o tshelelang mo go sone.

Go na le gore o ka tenega o le nosi kwa lwapeng o ikotlhaele gore ke eng o tsene mo seemong sa go tshela le mogare. O ka tenega gape o le kwa lwapeng o ipotsa gore ke eng kene ke ithaya kere ke ikamogetse mme batho ba ke gaufi le bone ba sa kgone go nkamogela.

Jaanong betsho, go go ntsi mo re ka go tlhalosang ka go tenega ka jalo gongwe reka lebelela gore gone go tenega go ka nna borai jang mo matshelong a rona. Mo kgaolong e e latelang re tlaabo re buisana ka malwetse a a ka go amang mme a bakwa ke go tlhakatlhakana maikutlo.