Naledi

Ba Boro ba lela sa ga Ragele

 

Selelo se sa banni se rokoditswe ke mafoko a a ka tsenang mo seatleng a mothusa mokwaledi wa khansele ya Bokone Bophirima Gobe Modongo beke e e fetileng kwa motseng oo.

Banni ba baneng ba tshologetse pitso eo ka dipalo tse dintsi, ba re Modongo o ba swabitse nko go fetisa molomo ka bane ba solofetse phetolo mabapi le kopo ya bone ya go ka tswelela ba thibelela ruri kwa Boro kana nyaya.

Ya re a tshwanetse go tlhalosetsa banni ka modi wa kgang le kgatelopele, Modongo a bolela fa a sena dipe dikarabo mme a o tletse fela go bolela fa go emetswe phetolo kwa  maphateng a mangwe.

Morafe o ne wa sala o gamaregile e bile bangwe ba nginguna gore a mme Modongo o ka tswa sekgala sa go feta dikhilomithara tse di fetang lesome gotla go bua mafoko a a ka balwang ka menwana.

Bangwe ba boletse ba se ele go senya ditsompelo tsa puso le nako ya banni. Bangwe ba boletse fa ele selomodiro go tlosolosa phuthego ka mokgwa o.

Naledi e ne ya dira maiteko a go buisana le Modongo ele go leka go batlisisa ka botlalo se tota aneng a se tletse.

Modongo o ne a le supa le le kwa, a bolela fa a batla mokwalo wa dipotso go tlhalosa se aneng a se tletse. Naledi e lemogile fa Modongo a ne goroga kwa kgotlaneng ya Boro, a begwa mme a ntsha mafoko a a tsenang mo seatleng, selo se bale ba ntsi baneng ba se makalela gore a o ka tsamaya sekgele sa dikhilomithara tse di fetang lesoma go ya go raya batho a re ga ana dikarabo.

Modongo o bile a gana le go amogana maina a gagwe ka botlalo fa Naledi e mo lopa go dira jalo, a re o batla mokwalo go dira jalo.

Mongwe wa banni, Owadi Kavura o boleletse Naledi gore ga ba kgone go tsenya bana ba bone dikolo kwa Maun ka ba sa abelwa ditsha le mororo ba sa bolo go tsenya dikopo.

A re o tshaba go ipaya fela kwa Maun ka molao o gagamaleditswe bo bomaipaafela, a re ke sone a itlhobogetseng kwa Boro.

Kavura o tsweletse a re puso e ba itse fela ka dithopho. “Rona kwano mo Boro ga re mo Botswana ka re a kgethololwa ebile ga gona se re se ipelelang ka ga re itumedisiwe ke sepe re kgaphetswe thoko,” Kavura a rialo.

E re go ntse jalo, mokhanselara wa Senonnori–Boro, Kenson Kgaga le ene beke ee fetileng o ne a shenne meno kwa phuthegong ya khansele potlana mabapi le kgang e.

A re matshelo a batho a mo diphatseng ka ba ralala sekgwa go latela ditlamelo kwa Maun. O ne gape a lela ka sekgala se seleele sa bana ba sekolo a re ga ba kake ba ntsha maduo ape aa nametsang.

Le ntswa kgaolwana ya Boro e le fa gare ga kgolegelo ya Boro, dikampa tsa sesole le lephata la diphologolo, ditlhabololo tsa morafe tsone di emisitswe tsii!go fitlhelela tshwetso ee tswang kwa bagolwaneng ba puso.