Naledi

Botshelo:Selinah Bonyana Chabi

Mme Selinah Bonyana Chabi
 
Mme Selinah Bonyana Chabi

Sekati ene o tlholegile kwa Phokeng kwa Aferika Borwa mme a fodugela kwa Mogoditshane pele ga boipuso. Mmaopelo o tlholegile kwa Molepolole. Gompieno Bonyana o setse le bokgaitsadie ba le babedi morago ga dintsho tsa batsalwanae ba bangwe bale barataro.

O tshotswe leng? Ke tsholetswe gone mo Mogoditshane ka 1933.

Naledi: A o tsene sekole?

Chabi: Ke simolotse sekole kwa Mogoditshane Primary School mme ka wetsa dithuto ka 1951 ke sena go pasa standard 4 wa bogologolo. Ke feletse gone foo ka batsadi ba ne ba sa kgone go nkisa kwa Tigerkloof go tsweledisa thuto teng.

Naledi: O ne wa dirang fa o sena go tswa mo sekoleng?

Chabi: Ke tsweledisitse botshelo ja temothuo le go iphataphatela ka go dira kgwebo ya go hirisa matlo a boroko. Masimo a rona a feletse a tsewa ke puso go aga kampa ya masole,Botswana Defence Force, ya Sir Seretse Khama. Re neetswe matsana fela a diponto tse 8 ele phimolo dikeledi. Re ruile dipodi di sekae tse di nnang mo lwapeng.

Ke ne ka kopana le Chabi Moenga Chabi ka ratana nae, ra ba ra felela re nyalane. Re ne ra felela re segofaditswe ka bana ba robabongwe.  Re tshedile ngwaga tse dintsi re sa nyalana. Maitibolo a rona ke wa 1952. Re feletse re kwadisa nyalo ya rona ka 1978. Chabi ene o ne a tlhokafala ka 1989. Aa robale ka kagiso monna wa me.

Naledi: Bana ba gago ba kae?:

Chabi: Ba ne bale borobabongwe mme gompieno go setse ba le batlhano sehularong sa basimane ba babedi le basetsana ba babedi. Betsi tsa me di tharo go tswa Mochudi, Mogoditshane le Bobonong. Barwadiake ba nyetswe ba le babedi, kwa Ramotswa le Serowe. Morwadiake a le mongwe gaa nyalwa.

Naledi: Ao tsena kereke?

Chabi: Ke moLontone. Ke kolobeditswe ke sale monnye. Ka golela mo go yone mme ka tlhomamisiwa ka 1967. Ke setse ke jesetswa selalelo mo lwapeng ntateng ya bogodi le botsofe.

Naledi: A o kile wa tshwara maemo ape mo phuthegong?

Chabi: Ke ne kele mophuthegi fela. Ga ke ise tshware ape.

Naledi: Ao etle o nwe bojalwa kana o goge motsoko?

Chabi: Ke ne ke ete ke nwe bojalwa ja setso ja mabele mme ka bo tlogela fa bolwetse ja Sukiri (Diabetes) bo tshwarwa mo go nna ka 1972. Motsoko o ne ke ne ke ete ke sunetse wa dinko mme ka tloga ka o lesa fela mo tsamaong ya nako.

O tshwantshanya jang Mogoditshane bonyaneng ja gago le wa gompieno?

Motse ono wa Mogoditshane o godile go menagane go tswa ka nako e go neng go sena dipompo tsa metsi mme go gelelwa kwa dikagong tsa Railways kwa Gaborone. Re ne re tsamaya ka dinao re rwele diemere tsa metsi mo ditlhogong re di garetse. Kgabagare ga tsena dibaesekele go fefosa mesepele. Go ne go rekwa dijo kwa benkeleng ele nngwe ya ga Mmelara kwa Gaborone.

E ne ere fa gole tlala go apewe phaletshe mme go phakiswe bana ba sekole motshegare.

Go ne go gelelwa metsi kwa Tsolamosese kwa Sedibeng saga Rammabenyana yo e neng ele pompara go tswa Molepolole. Leina la Tsolamosese le tswa mo polelong ya mosadi yo erileng a babalelwa ke emere ya metsi ea neng a e rwele, a gakololwa ke ba bangwe.  Gatwe ba ne ba mo raya bare, ‘tsola mosese o garele’. Lefelo leo le feletse le bidiwa Tsolamosese jaaka o itse gompieno. Eo ke nako ya re sale banana. Mogoditshane wa gompieno o tlhabologile fela thata. Ke toropo go dikgwebo, sekonotere gongwe le gongwe.

Jaaka o ne o botsa re tshwanetse ra ipelela tse di kanakana tse.