Naledi

A Steven Anderson a kganelwe go tsena mono?

Anderson
 
Anderson

O gololesegile go latela tumelo ea e batlang. A ke ya seKeresete, seMoseleme, seBahai, seHindu le tse dingwe fela jalo. Tsotlhe di a letlelesega mo fatsheng leno. Le fa go ntse jalo, molaomotheo wa Botswana ga o letlelele gore ope a kgethololwe go sa kgathelesege gore ke wa letso kana tumelo efe fela.

Ere ntswa re dumela mo kgololesegong ya tumelo, re ema kgatlhanong le maretshwa a a dirisiwang go jwala mowa wa letlhoo mo bathong ba bangwe.

Tumelo le fa e ka tswa ele efe ga ea  tshwanela go rotloetsa kgethololo ya batho ba bangwe.

Bontsi ja ditumelo tse di mono Botswana tsare di kgatlhanong le kgethololo. Ka jalo ape maretshwa aa ka dirisiwang ke setlhopha kgotsa kereke epe go nyefola batho bangwe e tshwanetse ya kgaphelwa kwa kgakala. Gongwe Batswana ba ka tswa ba dumalana le ditumelo tsa bangwe baba ipitsang baruti.

Mme se re ka se buang fela ke gore Batswana ba tswe mo go timetsweng ke diphiri tse di apereng matlalo a dinku. 

Mabapi le kgang ya ga moruti wa moAmerika, Steve Anderson, ake a kganelwe go tsena mono Botswana ka go bo a buile mangwe mafoko a kgethololo kgatlhanong le batho ba ba tshelang le go ratana ka bong bole bongwe? Lefatshe la Aferika Borwa lone le tsere tshwetso maabane gore ga lena go mo letlelela go tsena koo ka mabaka a mafoko a letlhoo le kgethololo mo bathong ba ba ratanang ka bong bole bongwe.

Lekgotla la BONELA le la LEGABIBO a lwa e kgolo ntwa go lopa Tona Ewin Batshu gore a seka a letlelela Anderson go baya lenao mo Botswana. Tota le fa a ka felela a letleletswe go tsena, Batswana ba  tswanetse ba ikgapa mo go isiweng kwa le kwa ke baruti ba ba bofitlha.