Naledi

Ngwao motlhala wa motho

Baitlhaopi ba lefatshe la Jeremane ba le ngwaong ya Setswana
 
Baitlhaopi ba lefatshe la Jeremane ba le ngwaong ya Setswana

A re fa batho ba ka itlwaetsa go tlotla le go somarela ngwao le ditso tsa bone go ka thusa gore le dikokomane tse di tlang di e fitlhele di bo di e dirise ka jaanong le tsone di tlaa bo di itlhaloganya botoka.

Fa a bua kwa moletlong wa go arogana ngwao ya Batswana le ya MaJeremane, e e neng e rulagantswe ke The Voice of a Child kwa Bokaa, bosheng, o ne a kopa thata morafe go se tlhabisiwe ke ngwao ya one ditlhong.  Setswammung o boletse botlhokwa ja gore Batswana ba itshwarelele ka sengwe le sengwe se eleng sa bone. A re mme fa e le ngwao yone ba patelesega go e kukela kwa godimo gongwe le gongwe fa ba leng teng.

O boletse fa mabutswapele a Batswana, e ne e le batho ba ba itlhaloganyang bobe.  Mme ebile ba ne ba itse se ba leng sone ba kgona go tlhomamisa gore ngwao le ditso tsa bone di nna teng, bogolo jang ka di ne di sa ba tlhabise ditlhong.

O ne a tlatsa ka gore le ene tautona ya ntlha ya Botswana, Sir Seretse Khama, a ne a rotloetsa Batswana go rata le go tlotla ngwao ya bone.

Mo moletlong o wa go amogana ngwao ya mafatshe a Botswana le Germany, Setswammung o ne a bolela fa ba batla go supa dipharologanyo tsa dingwao tse pedi tse. Mme a gatelela maikaelelo magolo a gore go rutanwe.  O ne a bolela fa ba itumela go bona gona le Batswana ba ba santseng ba setse ngwao ya bone morago, go tloga fela ka dijo le go di apaya, a tlatsa ka gore mefuta ya dijo tsa Setswana e kailwe thata ke bongaka fa e siametse botsogo. Mo go one moletlo o, Batswana ba ne ba supegetsa MaGeremane mefuta ya dijo, le mekgwa ya go di apaya. Tatso ya tsone e e monate ya natefelela baeng mo ba neng ba itumelela go di ja.

Dijo di tshwana le seswaa, ditlhako le serobe di ne tsa bonala fa di natefelela MaJeremane  segolo bogolo.  Ke sone se Setswammung a reng o dumela fa se ka thusa thata go bapatsa lefatshe la Botswana kwa mafatsheng a sele.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, MaJeremane le bone ba ne ba seka ba itumelela fela dijo tsa Setswana.

Le bone ba ne ba supa fa ba ratang ngwao le dijo tsa bone ka go bolela le go supa ka fa di apewang ka teng.

Ba ne ba supa gape ka fa ba di jang ka teng. Mefuta ya dijo le dinkgisamonate tsa bone le menatetsho yotlhe e ne ya supiwa. Mme Batswana ba itumela thata go bona gore ba ntse ba apaya dijo dingwe pharologanyo le MaJeremane. Bana ba The Voice of a Child ba ne ba bona sebaka se sentle sa go senola dipharologanyo gareng ga mafatshe a mabedi a ya dijo le kapei. Le bone ba ne ba akola tatso ya tsone ka go farologana.