Naledi

Tebogo Tebbie Sethomo: Mohumagadi wa kopelo ya sedumedi

Tebogo Tebbie Sethomo
 
Tebogo Tebbie Sethomo

Se se boletswe ke moopedi wa mmino wa sedumede sa sekeresete, Tebogo Tebbie Sethomo, yo o reng ene o leboga thata Modimo go bo a mo abetse talente ya go opela, e le ene a e thusitseng go bonala ka go tlhwaafalela kopelo ga gagwe.

Tebbie jaaka a tumile mo mererong ya mmino wa sedumedi o belegwe ka Phalane a le malatsi a le matlhano ngwaga ya 1978 mo kgotleng yo o Sekgweng kwa Serowe, batsadi bone e le Mme Rose le Daniel Sethomo.

Mo bonaneng jwa gagwe, o boletse fa a ne a rata thata go nna a ngunanguna dipina fa a na le balekane ba gagwe kwa mantlwaneng, mo mosadimogolo motsala raagwe a kileng a mmolelela fa a tla a nna moopedi yo o tumileng. A re se se fetogile boammaaruri ka e le naledi gompieno, a ralala lefatshe lotlhe ka ntlha ya kopelo ya gagwe e e faphegileng.Dingwaga tsa go simolola sekole di ne tsa goroga, mme a lebisiwa kwa sekoleng se sebotlana sa Tshekedi kwa Serowe go simolola mophato wa ntlha ka ngwaga y 1986, go fitlha ka ngwaga ya 1992 g a wetsa lokwalo la gagwe la bosupa.

Gone kwa sekoleng se sa Tshekedi, Tebbie a re o ne a supa talente ya gagwe ya kopelo, mme se sa dira gore a opele mo dikhwaereng tsotlhe tse sekole se, mme ebile e le motlhabeletsi yo o neng a sa kgonwe ke ope.

A re e ne e re fa go opelwa, bareetsi ba utlwe lentwe la gagwe le itlhaola mo go a ba bangwe, mme ba eletse go bona mong wa lone ka ba ne ba rata molodi wa lone fela thata, mme ebile a tlhalosa fa se se ne se thusa sekole sa gagwe go fenya ditlotla mo dikgaisanong ka go farologana.Go wetseng kwa Tshekedi ka ngwaga ya 1992, Tebbie a re ka a ne a fentse ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ka tse ditsididi,  o ne a fetela kwa sekoleng se segolwane sa Metsimasweu gone mo Serowe, kwa a feditseng lekwalo la boraro teng ka ngwaga ya 1993. Le gone kwa sekoleng se, morwadia Sethomo a re o ne a ntse a letsa lenakana la gagwe go utlwala, mme ebile a re fa jaanong a dira a tiile moko ka a ne a setse a tlhaloganya gore o dira eng.

Fela jaaka kwa sekoleng se sebotlana, Tebbie a re o ne a opela mo khwaereng ya sekole, e a neng a ntse a le motlhabeletsi wa yone, a re le fa e le motho wa lentswe la bobedi, fa go batliwa mogogi kwa tlhogong ya pina, go ne go lebiwa kwa go ene.

Erile go goroga kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng gone kwa Serowe, Tebbie o boletse gore go ne ga senyega jaanong, ka lentswe la gagwe le ne le setse jaanong le lekane go ka rutlomolola marulelo fa go opelwa, a re khwaere ya Swaneng e ne ya simolola go gatisa dikhwaere tsa dikole tse dingwe legala mo kopelong go fitlha ka ngwaga ya 1997 fa a fetsa lokwalo la gagwe la botlhano.

Kopelo ya gagwe,go ya ka Tebbie e ne ya gola thata ka ngwaga ya fa a le mo Tirelo Setshaba kwa Kasane, a re ka a ne a berekela mo sekoleng jaaka morutabana, o ne a nna le sebaka sa go thusa dikhwaere tsa sekole mo kopelong. A re fa ke gone a neng a simolola go tlhama dipina tse di neng di opelwa mo sekoleng fa go le meletlo le ditiro ka go farologana, a re se ke sone se se neng sa mo thusa gore a lemoge fa e moopedi fela, mme gape e le motlhami wa pina.Go wetseng Tirelo Setshaba, nonyane e ya pina, ka e ne e dira sentle le mo dithutong e ne ya leba kwa Mmadikole(UB)go tsweledisa dithuto teng, kwa a reng le gone o ne a feta a itatlhela fela mo khwaereng ya sekole dingwaga di le nne.

Ka go bona sentle gore talente le maitemogelo ke se a kgabileng ka sone, Tebbie a re o ne a bona go le botoka go intsha maswe dinaleng ka alebamo, mme a golola Semphete Morena e na le dipina di robabobedi, a e latela ka e nngwe yone a e bitsa fela a re Khubama le yone e tshwetse dipina di robabobedi, ya boraro Alebamo ya nna Africa ka dipina di le lesome.

Fa a ntse a gola ngwaga le ngwaga ka go ntsha megote ya dialebamo jaana, lefatshe la mo utlwalela, a tloga a leralala go tswa bokone, Bophirima, botlhaba le borwa, mafatshe a a etela, go tloga Nigeria, Lesotho, Swaziland,Zimbabwe le a kwa moseja tota. Dikereke le baruri ba ba tona mono Botswana le kwa ntle, jaaka Bishop Setlalekgosi, Valentine Seane le TB Joshua ba mo laletsa ditirelo tsa bone ka go farologana ga tsone.

Mohumagadi o wa kopelo ya sedumedi yo eleng mmangwana a le mongwe a rwele dithuto tsa degree, a tlhatloga, leina la gagwe la ikwala ka ditlhaka tsa molelo mo dipelong tsa barati ba mmino o, ene a seka a diiwa ke se ka a ne a somola alebamo ya Siyahamba, Pheko ya me ke thapelo, Lorato tse le tsone di leng mogote thata, ebile di supa gore Tebbie o gola ka tlhamo nngwe le nngwe.

Tiro e ntle e ya gagwe le bokgoni jo bo kana jo, bo ne jwa lemogiwa ke bobegadikgang, mme jwa mo tlhopha moopedi yo o tumileng go gaisa mo Botswana, mme le lekgotla la baopedi la Botswana(BOMU)la mo lemoga mme ke seo a neng a fenya tlotla ya moopedi yo o gaisang wa mmino wa sedumedi mo Botswana.

Tsotlhe tse Tebbie a re o di dira le go di bona ka ntlha ya lerato la gagwe mo tirong ya gagwe, a re o bereka ka natla bosigo le motshegare, mme ebile a lopa tsotlhe mo Modimong ka e le ene a mo tlhokometseng ka dinako tsotlhe.

A re o gakolola banana ba gompieno gore, natla le lerato ke tsone fela di tshotseng maduo a a botlhokwa ka talente e le nosi e ka se thuse motho ka sepe, a re ba tshwanetse go itse gore merero ya kopelo kgotsa mmino e thata.

Bogolo jang mmino o wa sedumedi ka bangwe ba santse ba dumela mo go e sele ya maitiso, eleng seo a ba kopang go bereka ka natla, le fa maduo a sa bonale ka bonako, go tlhoka bobelotelele.

O dirile thata le ditlhamo tsa phathi ya Domkraga.