Naledi

Joseph Ikopeng � Mosimolodi wa Mafitlhakgosi

Mafitlhakgosi Cultural Group
 
Mafitlhakgosi Cultural Group

Naledi: Re bolelele go re o mang?

Joseph: Ke Joseph Ikopeng go tswa kwa kgotleng ya Bokalaka kwa Molepolole. Ke ngwana wa ga Raditladi le Marea Ikopeng. Mo lelwapeng la rona re tsetswe re le supa.

Naledi: O tsenye sekole kae?

Joseph: Sekole ke simolotse mo Old Naledi, kwa Tshwaragano Primary School. Mme ka ya go tsena sa magare kwa Gaborone West Community. Ke bo ke ya go tsena kwa St Benedict kwa Gabane.

Naledi. Mo dikoleng tse, a o ka re o ne o le modiragatsi kana o bo lemogile o setse o godile?

Joseph: Ee, ke ne ke le modiragatsi go simolola fela kwa sekoleng se se botlana. E ne e re ka letsatsi la ngwana wa mo Aferika, foo ke ne ke le le-drama. Nako nngwe mogokgo wa rona Mma Kalanke a intumelela a bo a re jaanong re dire bodiragatsi jwa serala mo sekoleng. Mme e rile dikgwedi di ntse di tsamaya, ke bo ke tsewa ke rre mongwe gotwe Moses Nthungwane, a nkisa kwa Mogwana. Ke bo ke ya go rakana le batho ba bantsintsi teng koo bo Joseph Dikgomo, bo Mme Gaolape Basuhi le bo Rre Kesupile.

Naledi: Kwa sekoleng sa magare gone o dirile jang mo go tsa bodiragatsi?

Joseph: Re ne rena le rre yo mongwe gotwe Magapatona. Ke gakologelwa re dira bonatla, re gaisitse dikole tsotlhe tse di mo Gaborone ka phathisi. Ra ya go felela kwa legatong la ‘region’ kwa Ramotswa. E bo e le gore dipampiri di fela di re ntshitse, go balwa ka rona fela gore Gaborone West ke yone fela e gaisitseng dikole tsa Gaborone ka borankana.

Naledi: Bontle jo e ne e le jwa ngwaga o fe?

Joseph: E ne e le ka 2002. Batho ba bala ka rona gore sekole se se tla bolaya ditlhopha!

Naledi: Fa o tswa G-West o bo o tswelela jang?

Joseph: Ke ne ka godisiwa fela ke Mogwana, go fitlhelela ke nna monna. Mme e rile mo tsamaong ya nako ke bo ke tswa kwa Mogwana. E ne ese gore e ne ele go tswa ga go gogagogana. Ke ne ke lebeletse kwa Old Naledi, gore mo re go dirang, bana ba Old Naledi ba ne ba go tswela pelo, bogolo jang bonnake. Ke bo ke bona gore ke ye go leka go dira jaaka Mogwana kwa Old Naledi.

Naledi: O simolotse jang?

Joseph: Ke simolotse ka bonnake, ba ba mo lelwapeng fela ka gore ke bone ba ba simolotseng ba kgatlhega.  Ke ne ka bona gore setlhopha se ka nna teng mme ka simolola go ba ruta.  Ke ne ka bona le ba bangwe ba baagisanyi le bone, ba bangwe ba tswa le kwa bo Mogoditshane ba kgatlhega. Ke bo ke dira setlhopha ka 2009, re se bitsa Mafitlhakgosi.

Ke eletsa gore bana ba, ba golela mo ngwaong ya rona, ba itse go letsa diletswa tse di farologaneng go balelwa le tsa setso, le go tlhama maboko.  Bagolo bangwe ba ba itseng dilo tse, ba a re tlogela. Re tlaabo re sala mo legoeleleng, re sa itse gore re ya go rutwa ke mang dilo tseo. Ke ne ka bona fela gore bana ba ke ba rute, e re kamoso e nne bone ba ba rekisang lefatshe la rona kwa ntle, ngwao ya rona e seka ya felela fela mo go ba ba tsamaileng. Naledi: Fa le dira tiro e e kana, le ikatisa leng?

Joseph: Ka Matlhatso le ka Tshipi. Fa gare ga beke re leka thata gore ba seka ba kgoreletsega mo thutong. Re dirile gore fa sekole se tswa ka Mosupologo go fitlhelela Labotlhano, re bo re ba ruta ka tsa sekole. Re hirisitse lefelo le re ba rutelang kwa go lone ka tsa sekole. Re beile molao wa gore yo o sa tleng thutong kana a lofela sekole, ga a ye go diragatsa le rona. Batsadi ba na le tumelo ya gore ngwana wa modiragatsi ga a dire sentle mo dithutong. Le mororo rona re sa dumele jalo ka ke bona ekete ba pasa thata. Fa ba tswa mo ikatisong, ba tsena fela mo dibukeng.

Naledi: Le kae mo setlhopheng?

Joseph: Gone jaana re masome mane. Mo setlhopheng ba bangwe ba a tsena, ba gole ba tswe. Ba bangwe ba tshwarwe ke ditiro jalo jalo.

Naledi: Dikgwetlho tse le rakanang natso ke dife?

Joseph: Go tlhoka lefelo le re ikatisetsang kwa go lone. Gone jaana re ikatisetsa fela mo lebaleng, mo tseleng, mo eleng gore motho ga a tshwanela go re bona letsatsi le letsatsi fa re ikatisa. Kgantele re wa boleng. Mo diholong go batliwa madi gore re hirise. Kwa dikolong gatwe di a senngwa. Re eletsa gore le fa bajanala ba tla, ba itse kwa ba ka re bonang teng re le Mafitlhakgosi.

Naledi: Diphitlhelelo tse le di eletsang le le setlhopha ke di fe?

Joseph: Re eletsa go ipona re ipereka, re bereka Mafitlhakgosi. Re bona re ruta ba bangwe, re nna le letseno. Re seka ra ya go ngakalalela kwa digaraweng, re bo re tla re lapile maitseboa, go bo gore re ye go diragatsa. Re eletsa pina e nna sejo sa rona sa malatsi otlhe.

Naledi: Setlhopha se diragaditse kae go fitlha jaana?

Joseph: Ditiragatso tse bontsi re di dirang ke go binela botautona fa ba goroga mono. E tona ke fa re ne re folosa Mme Mitchel Obama wa Amerika. Re binetse ba bangwe batlotlegi jaaka tautona wa Namibia le wa China fa palamenteng.

Naledi: Jaaka dithakga a ga le ise le tswele kwa ntle ga lefatshe leno?

Joseph: Re kile ra bidiwa kwa China, re ile go bapatsa teemane e nngwe e bidiwa Tswana Diamond. Ke mme yo mongwe gatwe

Maria Olivers, yoo bereka kwa De Beers, a re dueleletse mosepele oo. Re ne ra fetsa dibeke tse pedi koo. Bana ba rona ba itumetse thata ka jaana gase mang le mang yoo tswang kwa Old Naledi, yo go ka tweng o ya kae o ya kae. Batsadi ba itumelela ka fa re dirang ka teng ka re godisa le go tumisa motse wa rona.

Naledi: Fa ba tswa koo a ba supile phetogo?

Joseph: Go nnile le phetogo thata. Tota fa o le mo Mafitlhakgosi, go nna le phetogo. Fa o ne o tsamaya mo mebileng, fa o tla go rakana le bana ba bangwe, o a fetoga. Mo Mafitlhakgosi ke lefatshe le sele fela.  Fa re diragatsa le bone o bona fela ekete gase ba ba tswang kwa Zola.

Naledi: Fa le diragatsa kwa China ba le amogetse jang?

Joseph: Kwa China batho kana ga ba itse mmino o wa rona. E ne ele lantlha ba o bona. Ga ba o itse gotlhelele. A o itumeletse fela thata. Re tshwanetse ra tswa thata ra ya kwa mafatsheng a sele.

Naledi; O eletsa le ka thusiwa jang?

Joseph: Re eletsa puso e ka re thusa ka lefelo la rona go dira bojanala, mme e le kwa Old Naledi. Ga ke re o a bona gore fa batho go buiwa ka Old Naledi ba nna ba re ijaa!

Naledi: Badiragatsi ba le kileng la diragatsa le bone ke bomang? Kana le dira le le nosi fela?

Joseph: Re berekile le badiragatsi ba mo gae ba akaretsa Vee, mo setshwantshong sa motshikhinyego sa gagwe. Ra bereka le Gaone Rantlhoiwa, Mpho Sebina, Mosako, Shumba Ratshega le Lezibo.

Kwa ntle re berekile le HHP. Maloba re ne re tlhakanetse maitiso le Sfiso Ncwane. O ne a etetse kwa Zola, mme a re laletsa kwa maitisong a gagwe le re simologile re se mo lenaneong la pele.

O re laleditse le lenyalo la gagwe le le tla jewang ngwaga o o tlang ka Seetebosigo. Re berekile gape le Kanda Bongoman mo setshwantshong sa gagwe.

Naledi: Re lebogile, atlega mo ditirong tse di tlang.

 Ditiragatso tse bontsi re di dirang ke go binela botautona fa ba goroga mono. E tona ke fa re ne re folosa Mme Mitchel Obama wa Amerika. Re binetse ba bangwe batlotlegi jaaka tautona wa Namibia le wa China fa palamenteng.