Naledi

Botlhokwa jwa Green Pepper mo botsogong jwa rona

Mo puisanong ya beke e no re itebaganya le losika lwa pherehere mme lone le bidiwa pepere kana Green Pepper ka sekgoa. 

Sejo se se mebala ele mmalwa jaaka boshibidu, borokwa kana lephutshe, le botala jwa tlhaga kana jwa morogo. Green Pepper ga e babe jaaka pherehere le fa ntswa e bidiwa pepere, mme e na le tatso ya botlhokonyana mme e jega sentle.

Baitsaanape bangwe bitsa Green Pepper bare Bell Pepper ka e lebega jaaka tloloko. Ba tswelela ba e bitsa gape bare Capsium. A chomi batho! Pepere kana Green Pepper e tswa mo losikeng lwa dipepere lo lo bidiwang Solonaceae.

E a tle ere re eja pepere e tala kana Green Pepper re e gautse bogolojang fa re e tswakantse le dijo dingwe jaaka merogo e e sa apewang.

Mo di pepereng, tota e re buang ka yone gompieno, gona le ya rre le ya mosadi. Pepere fela ka bo yone e ntle thata ka popego, le fa e tala yone e le botlhokonyana gona le e e tshetlhanyana kana borokwa. 

Tota Green Pepper e thusa ka eng mo mebeleng ya rona? E thusa go sila dijo mme e bile pepere ga e na mafura a mantsi mme e simamele go thusa go fokotsa monono. Dipepere di na gape le dikotla tse di siametseng mebele ya rona ga mmogo le matute a a siametseng botsogo jwa rona. Mebala ya di Green Pepper e supa mosola wa dikotla tse di farologaneng tsa yone. Bontsi jwa metsi a a fitlhelwang mo di Green Pepper a thusa go tsibogela malwetse a a ka bakwang ke leswe le le kokoanelang mo mebeleng ya rona.  Matute a a thusa go tsibogela setlhabi kana botlhoko jo bo bakwang ke ntho ya kgobalo.

Sejo se se thusa gape go fokotsa kgonagalo ya go amiwa ke kankere mme gape se dira tiro ya go tokafatsa botsogo jwa pelo, go fokotsa khupelo le madi a matona ga mmogo le go lwantsha go nona thata. Di Green Pepper, a re tlwaelang go di bitsa ka sekgoa, di thusa gape nonotsha masole a mmele le go phefofatsa megare e e sa tlhokafaleng mo mmeleng e e bakwang ke leswe. 

Matute a re fitlhelang re a bona a gasega fa re sega Green Pepper, a thusa go sireletsa matlho a rona le go tokafatsa pono bogolosegolo mo bagolong, tota le rona fela jalo ba re tlhagogang.

Matute betsho, a thusa gape mo go tlhatsweng letlalo la motho le go tswelela o nna lebega le go nna ka bonana. E thusa gape go nonotsha moriri le gore o nne phepha.

Green Pepper e thusa thata ka kotla ya vitamin C, bogolojang e e lephutshe kana e khibidu mme tiro ya yone e nne go sireletsa masole a mmele go amiwa ke makowa. Vitamins C e e fitlhelwang mo go e khibidu.

Kgang e nngwe e e botlhokwa ke gore Green Pepper e tshwanetse ya nna mo tirisong fa e setse e budule mme ke gone e ka dirang tiro e e makatsang mo mebeleng ya rona. Jaanong betsho, a re yeng mabenkeleng kana re lemeng Green Pepper mme re itlwaetse go e ja e le tala kana e fufudisitswe gole sekae, gore ere berekele.  Go e apaya yaabo ele go natifisa dijo fela mme mosola le dikotla di fokotsegile thata.