Naledi

Ba lelela Tshipo

Tshipo ya ka nako eno a fuduseditsweng kwa sekoleng sengwe kwa Palapye, go kaiwa a ne a le tlhaga e bile a naya sekole sa Letlhakane seriti, tota le maduo a sone a le a maemo a kwa godimo thata, fa a se eteletse pele.

Go lelela mogokgo ga batsadi, go senogile beke e e fetileng fa Naledi ene e botsolotsa batsadi ka merero ya sekolo seo mo bogompienong. Matshwenyego a ne lebega a kalakanya matlho a batsadi jaaka ditlhatlhobo tsa makgaolakgang a lokwalo lwa bosupa a tloga a kwalwa. Batsadi ba ne ba bolelela Naledi fa ba simolola go gakologelwa rre Tshipo. 

Ba re Tshipo ke monna yo o tlhogo-phefo, o itse go loga maano a a popota go naya baithuti thuto ya matswadiatleng mme seo se tokafatse maduo a ditlhatlhobo. Ba re e rile go le pele fa Tshipo a tsena mo sekoleng seo mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, a fitlhela maduo a sone a le kwa tlase thata. Mme o ne a tshematshema a dirisana le dikole tse dingwe, barutabana le baithuti ka maiteko a go tokafatsa maduo mo Letlhakane mme maiteko a gagwe a tswa tema.

Ba re ka ntlha ya botlhale le bonatla ja gagwe, sekole sa Letlhakane se ne sa bitsa maduo a masome a robang bobedi mo lekgolong (89%) mo Boteti, mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang a lokwalo lwa bosupa ngogola.

Baithuti le bone fela jalo ba re ba eletsa gore Tshipo o kabo a santse a le teng ka o ne a ba rotloetsa thata gore bokamoso jwa bone bo seka jwa khurumediwa ke mouwane. Ba re ka go tlhoka lesego mogokgo yo o neng a tsena morago ga gagwe ga aka a diega go tsweledisa tema ya gagwe ka o ne a tlhokafala ka bofefo.

Le fa go ntse jalo, barutabana ba koo ba eteletswe ke mothusa mogokgo eleng Patricia Supang, ba tlhomamisitse gore ba tla leka bo jotlhe go tsweledisa tema ya ga Tshipo gore maduo a seka a wela tlase. Ba rotloeditse baithuti go tshwara thata gonne gatwe e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting.