Naledi

Ditso tsa Batswana � Kgaolo 2

1. DIGOJA

Jaaka merafe e mengwe ba tlholegile mo kgaolong ee neng e bidiwa Transvaal mme ba le ntlheng ya botlhabatsatsi. Ba ne ba bina tau le letsatsi. Fa ba ileng ba fitlhelwa ke Barolong le Batlhaping ba tlhakanye le Basarwa. Kgosi ya bone e ne ele Legoja. Ke sone ba feleleditseng ba ipitsa Digoja. Jaaka Basarwa Digoja e ne ele morafe oo senang metse ee tlhomameng ba tlhorontshiwa ke e mengwe. Barolong le Batlhaping ke bone ba erileng go ba bega ba dira batho ba magae.  Fa ele gore morafe wa Digoja o sale teng, o meditswe ke Barolong le Batlhaping ba ba latlhisitseng mokgwa wa go tshela ka dibapalwanageng le diphologolo, go tsena mo go wa bolemiborui.

Bogologolo merafe ya Batswana e ne e sa tsamaye bobe ka go ne go tsamaiwa ka dinao kana ka lekaba (kgomo ee katiseditsweng go palangwa). Naga e ne e tletse diphologolo le digagabi tse di boitshegang.  Dikoloi tsa dikgomo di ne tsa tloga tsa latela. Dipitse le tsone tsa tloga tsa palangwa go thusa mo letsomong le mo mesepeleng.  Koloi ya molelo, terena, ya tloga ya tla go thusa mo mesepeleng le mo go rwaleng batho, leruo le dithoto. 

 

2. Basetedi (Masetedi)

 Fa Maburu ba goroga kwa Kapa pele ga ngwaga wa 1800 ba tshola bana le basadi ba Bahotontote, Bakgothu le Basarwa. Morahe o ke wa bathobasweu ba ba tlhakatlhakanyeng le merafe ya bathobantsho ee boletsweng fa godimo. Batho ba ba bidiwa Basetedi (Masetedi) kana Mabasetere.  Mo polelong e re tlaa ba bitsa Basetedi. Basetedi ba ne ba nna mo kwa borwa jwa noka e Ntsho e le bakgarakgatshegi ba ba senang magae ka ba ne ba idiwa ke molao wa Maburu wa nako eo go nna le ditsha.  Le fa go ntse jalo, ba ne ba phuthega mme ba nna mo letshitshing la noka e Ntsho. 

Wookey o tlhalosa fa Basetedi ba ne ba kgarakgatshega fela mo nageng jaaka matlhape a dinare ba tshela ka go tsoma.

Wookey o tswelela a tlhalosa fa Basetedi ba ne ba kgarakgatshega jalo bas a apare, ‘ba le matagwa, ba le baloi, ba le mekgwa ya seholoholo (sephologolo) hela’. 

Puo ya Basetedi e ne ele Seburu se se tlhakanyeng le Sekgothu. Kgosi ya bone e ne ele Barend Barends. Ba ne ba aga matlo ka dithupa tsa moseme (moretlwa). Basetedi ba fitlhetswe ke baruti ba kereke ya Lontone ebong Anderson le Kramer ba le mo borwa ja Noka e Ntsho.

Mme ba kgarakgatshega le bone jalo dingwaga tse tlhano ba ntse ba ba rerela efangele. Mme baruti ba tloga ba ba tlodisa Noka e Ntsho ba ba thibeletsa mo Gamothaga kana Klaarwater. Baruti b aba ruta go aga matlo ka setena le maje b aba letlhisa go aga ka dithupa tsa maretlwa. Ba ne gape ba ba ruta mekgwa ya Sekgowa ya go lema. Ba loelela mo go ba ruteng lefoko la Modimo. Mme Basetedi ba le amogela ka atlametlo.

Motse wa Gamothaga o ne wa gola fela that aka ntlha ya go dirisa mekgwa ya temo ee tlhabolotsweng. Basetedi ba tloga ba rutiwa go bala le go kwala, le ditiro tsa diatla tse di farologanyeng. Kgabagare ba itirela kgotsa ba ithekela dipitse, dikoloi, megoma, diaparo le ditlhobolo. Temo ya bone a tlhabologa, ba lema dijo, merogo le maungo go ijesa. Botshelo ja Basetedi ja phophoma.

Ka gore Basetedi ba ne ba sa bue Setswana ke eng ba ne sobokilwe le merafe ya Becwana (Batswana)? Tota lefoko Batswana go tewa eng? A ke ka gore le bone fela jaaka merafe e mengwe ya borwa jwa Aferika go ne gole merusu gareng ga bone le gareng ga bone le merafe eo?

 

3. Batlhaping

Batlhaping ke Barolong ba ba ileng ba lomologa mo go ba bangwe ka ntata ya dikgogakgogano le matshwenyego a mangwe a botshelo a nako ya Difexane merafe ya borwa ja Aferika e hereetsega. Wookey o bolela f aka nako kgosi ya Batlhaping e ne ele Phuduhutswana.

Batlhaping jaaka Barolong ba bina tholo. Ba tlogile ba ipitsa Batlhaping ka  ba ne ba tshela ka tlhapi e ba neng ba e tshwara mo nokeng e Tshetlha. Tlhapi ke sereto sa bone sa bobedi le mororo ba e eja. Motse wa bone o mogolo ya bo ele Dithakong. Ba ne gape ba nna kwa Taung, Kuruman le metse e mengwe.

 

Maina a dikgosi tsa Batlhaping, jaaka go boletse Moruti John Mackensie, aa latela:

Phuduhutswane

Mile

Morokanelo: barwae ke Mookedi, Mamae le Motlole

Motlole

Mokgosi, Mashetlwane

Mashwe

Molehabangwe

Mothibi: barwae ke Petlwe, Gasebone, Yanke, Molale le Mahura

l Petlwe a tsala Phohuetsile

l Gasebone a tsala Botlhasitse

l Yanke a tsala Luke

l Molale a tsala Mankoroane

l Mahura a tsala Bogosing

Fela jaaka merafe e mengwe Batlhaping ba tlhaselanye le merafe e mengwe ya bathobantsho le bathobasweu segolo thata Maburu, mme ba bolaana ba gapelana leruo, dithoto, basadi le bana, le lefatshe. Ka mabaka a yone merusu e gareng ga merafe, ba ne ba kgarakgatshega mme mafelo a mangwe ba boele kwa go one gantsi ba batla ledula la tshosologo. Ba bile baya go boa kwa Ovambo kwa lewatleng la Namibia.

Ba ne ba boela kwa mafelong a bone a pele a bo Kuruman, Dithakong, Taung.

Kgabagare Moruti John Mackenzie a tla Batlhaping matshediso go sireletsa lefatshe la bone mo go gapiweng ke Maburu. Ka 1884 Mackenzie ba buelela le mohumagadi wa Ennyelane mme a romela masole a eteletswe ke General Warren mme ba bolotsa ntwa go busa lefatshe la Batlhaping,

Barolong le Bagamotlhware mo Maburung. Se se ne sa khutlisa dintwa. Ka jalo lefatshe leo go ya go fitlha kwa Gamolopo le Ramatlabama le ne la tsena mo pusong ya Ennyelane mme la bidiwa British Bechuanaland ka 1885.  British Bechuanaland o ne a tsena mo pusong ya Kapa ka 1905.

Mafatshe a Bakwena, Bangwaketse, Bagammangwato le Bakgatla ba ga Kgamanyane ebong Bechuanaland, a ne a tsena mo tshireletsong ya Ennyelane ka 1885 morago ga dikgosi tse tharo tse di neng di patilwe ke Moruti William Charles Willoughby.