Naledi

George Swabi o tswa mo kutleng

George Swabi
 
George Swabi

O utlwetse thata mo seromamoweng sa Botswana ka thulaganyo ya Dipina le maboko. A tloga a nna setungwane mo medirong e mentsi ya lefatshe leno. Mongwe wa baopedi ba ba tumileng, Taolo Moshaga, a bona bokgabane jwa gagwe.

Mme a gatisa alebamo le ene, e e neng ya fenya sekgele sa BOMU.

Fela, malatsi ano go ntse ekete go didimetse ka bodiragatsi jwa mogaka yo.

Naledi e tswa go kopana le mogaka wa pina kwa Palapye ka Matlhatso, mo moletlong wa bagodi ba ba dingwaga di masome a a ferang bobedi le go feta, o o neng o rulagantswe ke mopalamente wa kgaolo, yo ebileng e le Mothusatona wa thuto le tlhaboolo dikitso, Moiseraele Goya.

Dingwaga tsa mogaka go a bonala gore di iteleketse. Se sentle ke gore ga di a mo fekeetsa ebile o di amogetse ka kagiso. 

Mmele wa kwankwetla ya pina o itekanetse  ebile o tletse mafolofolo. Monyenyo wa mogaka ke o o tlhatswang pelo. Boitumelo ja mo apesa fa a bona lekoko la Naledi le tla go mo dumedisa. ”Mosimane yo wame ke tswa kgakala thata le ene, kwa Gaborone. Ke itumelela go mmona fano.”Mogaka a bua jalo.

Boitumelo jwa gagwe bo nna bogolo thata fa a palama serala go diragatsa se a se ratang thata. Pina ya gagwe, “Bagammangwato ba ga Mabiletsa,” a e kgalema go tlisa boitumelo mo modirong.

Fela, fa o reetsa thata, kgatiso le meribo ya mogaka e setse e nna bonya go tsamaelana le dingwaga tsa tshimega. Fela, boleng ga bo a ngotlega. Fa a e kgadikanya jaana, bontsi bo a emelela go e shobotla.

 Bangwe ba itlhophela go tsaya dikgang ka tiragatso ya gagwe, “ A pina e ke yone e e lelang mo seromamoweng kana e letswa ke mongwe?” Fa a fetsa mo seraleng bangwe ka bofefo ba tla fa go ene. “Rra a ke wena mong wa pina e e neng e lela mo seromamoweng? A ke wena o neng o e letsa?”

Morwa Swabi fa ba riana o tlala boitumelo le go feta.

A tsaya dikgang le bone a nna a amogana ditso  tsa gagwe tsa kopelo ka monyenyo.

Fa batho ba ntse ba tsere dikgang, o tswa fa go bone o tsaya katara ya gagwe o nna a le esi a iteletsa.

Fa Naledi e tla kwa go ene o kgothala le go feta. O itshamekela “Tsakonatha,” a tsentse maikutlo a a tseneletseng mo go yone. Le mororo a ikogotse mo bathong, ebile ekete ba tsere dikgang ba sa mo reetsa, molodi one o ba a fitlhela, ka fela fa a e wetsa, mongwe o a kua, “Enkho!”

Fa Naledi e supa kgatlhego, mokola o tlala boitumelo, o emisa pina a tseela Naledi kgang. “O reetse pina, le mathale o a reetse.”

A bua a boelela “Tsakonatha” a e letsa ka makama a magolo.  “Pina e e ratwa thata ke Rre Ponatshego Kedikilwe le mohumagadi wa gagwe.”

A bua a e betsa a e kgaritlha, e binabina ka megetla ka botswerere.

Fa a wetsa, mme a bona gore Naledi e supa kgatlhego. Ka bofefo a letsa pina e e tletseng maikutlo a magolo, “Dikeledi.” Kgatiso ya matlhale ke e e ntshang bana ba phefo.

Mme fa a wetsa, a lemoga gore Naledi e a tsamaya, o bua ka bohutsana, “Fa le tsamaya ke tlile go sala ke utlwile botlhoko thata.” Mogaka a supa ka botlhoko gore o santse a eletsa go ka letsa, a reediwa le go tsewa tsia jaaka mogaka wa pina.

Mogaka a phutha katara, a dumedisa ba ba neng ba mo tsaya tsia. Mme a bolela fa a boela kwa gabone kwa kgotleng ya Boikaego mo Palapye.