Naledi

Kgatelelo ya maikutlo a go tshela le HIV le tsholofelo

Puisanyo ya rona e leka go  tsibosa mmadi gore maikutlo a a tlhakatlhakaneng (stress) mme a le bokete (depression) a ka kgonwa go rarabololwa mme ka jalo tsholofelo e tshwanetse ya solofelwa nako le nako go re ele ruri o tla bona pholo.

Santlha a re ithute gore maikutlo a a bokete ke eng? Ke maikutlo a a botlhoko ebile a ka bakela motho go ikutlwa a latlhegile kana a sena kemonokeng mo bathong jaaka ba lelwapa, losika, ditsala kana badirikaene. O ka lemoga dikai tsa maikutlo a ka go nna o lapile, mo mosong o tsoga le go tlhola o lapile ka nako tsotlhe. O simolola o latlhegelwa ke keletso ya dilo tse o neng o rata go di dira. Maikutlo ga a ame tlhaloganyo fela mme le mmele. Bangwe ba re ba simolola go itemogela go ja phetelela fa bangwe ba re ba latlhegelwa ke keletso ya dijo.

Bangwe ba re ba nna ka selelo le go ikutlwa ba sa amogelesega fa ba leka go kopa thuso mo go ba bangwe. Bontsi jwa batho ba re maikutlo a, a ba tlhokisa tsholofelo bogolosegolo mo go rona ba re tshelang le mogare. Gore a ruri re tlaa dika re bone go tsoga moso o o latelang kana kalafi ya sennelaruri.

Tsotlhe di kakanyo tse di re bakela kgatelelo ya maikutlo.

Mme go tlhoka tsholofelo go dire gore re itlhoboge mo botshelong. Bangwe re felela re inaakanya le ditiro tse di tsenyang matshelo a rona mo diphatseng jaaka go sa sala ditaelo tsa ba botsogo le bongaka morago. Bangwe re felela re akanya go ipusulosetsa mo seemong se re tshelelang mo go sone sa mogare mme re felele re anamisa mogare ka tsela e e setlhogo.  Fa bangwe re felela re akanya go ikgapela matshelo.

Maikutlo a tota a bakwa eng, modi wa o ne? Sekai e ka nna go iphitlhela o utlwaletse sengwe se se utlwisang botlhoko kana maduo a go tshwaediwa ka bolwetse. Fa gongwe e ka nna go rengwa ditokololo ke go latlhegelwa ke tiro, fa gongwe ele ka seemo sa mogare wa HIV.  Ka dinako tse dingwe batho ba ba tshelang le mogare ba imelwa ke maikutlo fa gongwe ba etetse bangwe ka bone ba ba gateletsweng ke bolwetse jo jwa AIDS. Mabaka a se e a bo ele gore morago ba ipotsa gore ke eng bakaulengwe ba bone ba tsogile sentle mme bone ba sa tsoga ebile ba setse bana le dikai tsa malwetse a bomajapolaelo. Motho a felele a re, ‘ga ke batle go ipona kele mo seemong sa mme kana rre yole’.

Mangwe a mabaka aa bokete ke go fitlhela o le mo seemong se o sa boneng kemonokeng e o e tlhokang ya go tshela le mogare wa HIV.

Bontsi jwa rona re iphitlhela rele mo diemong tsa go tsena mo maratong le batho ba ba senang maikarabelo, ele go eteletsa dikhumo tsa bao ba ba tshwaegileng? kwa pele mme ere dinako di tsamaya ba simolole go itshupa gore dipelo tsa bone di ntse jang.

Bangwe ba bone ba felela ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka go robalana go sena itshereletso le bakapelo ba bone mme ba nne lesego ba seke ba amiwe ke mogare. Ka sekgoa gatwe (discordant couples). Jaanong, seemo se se felela se bakela yo o tshelang le mogare go itlama ka tsotlhe tsa botshelo go kgotsofatsa mmata mme ka fa letsogong le lengwe a iphitlhele a tshelela mo kutlobotlhokong le matshwenyegong a maikutlo a a bokete. Kgabagare masole a mmele a felele a wela tlase. Mme mogare o o ntseng o ritibetse o mo kubugele.  Nako e e tlang re buisanya gore re ka rarabolola bothata jwa maikutlo a a bokete jang.