Naledi

Botlhoki, bogole le lefufa

 

Kgang e simolotse jaaka Khansele potlana ya Serowe e ne ya agela Mme Obolokile Goganegile ntlo ya dikamore tsa boroko tse pedi. Thulaganyo ya kago e e gwetlhilwe ke letlhoko le le neng le etswe tlhoko ke lephata la bommaboipelego la Serowe mme go ne go lemosega gape fa mmaagwe Obolokile a ne a tshelela mo lehumeng. Mme ya re morago a tlhakafala. Leso la ga mmaagwe Obolokile le ne la dira gore Obolokile le ene a ngaparwe ke letlhoo le lefufa la ga mmangwanaagwe mo a feletseng a mo koba mo lwapeng le le neng ele la batsadi ba gagwe.

Morago ga dingwaga tsa kgokgontsho go tswa mo go mmangwanaagwe, Obolokile, yo o nang le bana bale bane mo go bone gona le wa monalebogole, a namolwa mo seemong seo ke bommaboipelego mme ba lopa lekgotla la kaboditsha la Serowe go mo abela setsha. Ga diragala fela jalo. Khansele le yone ya ipala matlotlo mme ya agela Obolokile ntlo ya dikamore tse pedi tsa boroko, ntlwana ya boapeelo, ya botlhapelo le boitiketso le boitapoloso (LA2). Ntlo eo e agilwe kwa kgotlaneng ya Masilo gone kwa Serowe.

Ya re a ntsha maikutlo a gagwe, Obolokile a bolela fa ele ruri a tsheletse mo tshotlegong ya ga mmangwanaagwe le lehuma la nta e tshetlha. A re morago ga go abelwa setsha, o ne a itlhaganela go aga motlaagana wa ntlo ya maje ka dithuso tsa disenke a dira marulelo pele ga khansele e mo agela.

“Ke ne ke dira jalo go itlhaganela go fudugela kwa game ke tshaba kgokgontsho,” Obolokile a rialo.

O ne a leboga thata Mme Mareledi ‘Mma T’ Nthebolan le Mme Gagolepe Nthebolan yo a reng ba ne ba wa ba tsoga le ene ka dinako tsa fa go le bokete.

Mo potsolotsong, Mme Mareledi yo o boletseng fa ele motsadi mo lwapeng la goora Goganegile, ele la ga rangwanaagwe, e bile ele moagisanyi, a re o itse ditso tsa lelwapa le mme a re o makaditswe ke go lelekwa ga ga Obolokile mo lwapeng lwa batsadi ba gagwe.

A re Obolokilwe o rontshitswe ditshwanelo tsa gagwe jaaka ele mojaboswa jwa lelwapa. Mareledi a re rangwanaagwe ebong rraagwemogolo Obolokile o ne a laela pele gaa tlhokafala gore lelwapa le neelwe mmaagwe Obolokile  mogang a hularang. A re taelo eo e ne e raya gore monnamogolo o ne a lebile seemo sa ga mmaagwe Obolokile sa itsholelo ee kwa tlase. 

E re go ntse jalo, Obolokile o tsweletse a lebogela thuso ya khansele ka paka ya bana ba sekole le dijo tse di lopang makgolo a mane le masome a matlhano ka kgwedi. Obolokile a re kgwetlho ke gore dijo tse ga di ba lekane le bana ba gagwe kgwedi yotlhe.

“Ke ne ke ntse ke bereka ditiro tsa Ipelegeng mme ngaka ya laela gore ke seka ka berekela mo letsatsing le go tshwara bokete. Jaanong madi a ke neng ke a dira a emisitswe.  Letlhoko la tiro le oketsa lehuma ka dijo tse ke ntseng ke di fiwa ke bommaboipelego di sa re lekane,” ga ngongorega jalo Obolokile.

E re go ntse jalo, Rre Kamogelo Opelo yo eleng malomaagwe Obolokile, o boletse fa ele nnete Obolokile a filwe tsela go tswa mo lelwapeng le eleng la batsadi ba gagwe. Mme a bolela fa mmangwanaagwe a sena tshwanelo ya go mo koba. A re lwapa leo le tlogeletswe Obolokile le bana ntswa gone jaanong a setse a abetswe setsha se eleng sa gagwe gosele.

Bogogi jwa kgotlana ya Goo-Tshosa bo solofetswe go kopana le banaleseabe go rarabolola kgang ka setlankana sa setsha sa boswa jwa ga Obolokile.