Naledi

Botshelo: Jason Setsumpe Masimolole

Naledi: O tshotswe leng? Ke tsholetswe gone mo Mogoditshane ka 1934.

Naledi: A o tsene sekole?

Jason: Erile ke tshwanetse go tla go simolola sekole mo Mogoditshane Primary School ka ngwega ka ya Native Recruitment Company (NRC) ka tsaya joine go ya go bereka kwa dimaeneng tsa Aferika Borwa. Ke ne ka bereka kwa Grand Mine kwa Johannesburg go simolola ka 1948 go fitlha 1956. Legale ke ne ke sa bereke mo teng ga mmaene. Ke ne ka fiwa tiro ya go katisa le go tlhokomela dipitse tsa mookamedi wa Grand Mine. Ke ne ke amogela 2 ponto ka kgwedi. Ka nako eo e ne ele madi fela a mantsi aa kgonang go reka le kgomo.

Naledi: Botshelo ja tiro bo ne bo ntse jang?

Jason: Ke ne ke bereka Maburu ba re bitsa dikafore. Re betswa fa ba bona go tshwanela. Re ne re ineetse mo botshelong ja tshotlego. Mme ka tshwarelela go fitlha ke itlhophela go tlogela tiro.

Naledi: Ga o aka wa ithuta dipuo tsa Aferika Borwa?

Ke ne ka ithuta Sefanakaloo, le Seburu ka ke ne ke bereka Maburu. Ke tsene sekole fela go ithuta go bala le go kwala.

Naledi: O ne wa dirang fa o sena go fetsa tiro mmaeneng?

Jason: Ke ne ka ithuta go kgweetsa dikoloi tsa megobagoba,Horse & Trailer, mme ka bereka jalo ke rwala dithoto go tswa Aferika Borwa go tla kwano Botswana. Ke ne gape ke kgweetsa dikoloi tse di rwalang motlhaba, konkoreiti le tse dingwe didirisiwa tsa kago. Ke ne ka tlogela tiro eo ka ngwaga wa 2009 ke emisiwa ke sepodisi gotwe ke godile. Morago ga go tlogela go kgweetsa megobagoba ke ne ka ithuta go kgweetsa terekere mme ka lemela go jela mo ganong.

Naledi: O nyetse leng?

Ke nyetse ka 1959 mme ra tshwara maitibolo a rona a bidiwa Gaamangwe. Le gompieno se santse re le mmogo. Re godisitse bana le banababana.

Naledi: Bana ba gago ba kae?:

Jason: Ba ne bale borobabobedi mme gompieno go setse ba le barataro sehularong sa mosimane ale mongwe le mosetsana ale mongwe. Ngwetsi e nngwe go tswa Serowe. Morwadie ale mongwe o nyetswe kwa Bobonong.

Barwadiake ba babedi ga baa nyalwa. Barwaake ba le babedi le bone ga ba ise ba nyale.

Banababana bone ba 15 mme gago ope wa bone yoo mo nyalong. Dikokomane tsone di 10. Mme bone esale dirathana le baithuti.

Ao kile wa ya bogwera kana wa

ya ntweng ya lebopo?

Ga ke ise keye bogwera le fa ele go ya ntweng. Ke ne ke sale monnye fa go iwa ntweng. Ga kena mophato ka ke nnile nako e ntsi mo perekong. Le leruo ga kena nalo a one mabaka ao.

Naledi: Gompieno o itshetsa ka eng ka o tlogetse tiro?

Jason: Ke tshela fela ka madi a bagodi a puso e re a nayang. Gongwe le ka re buelelela le puso ya nna ya re okeletsa ka a re thusa fela thata. Re leboga puso thata gobo e thusa bagodi jaana. Re ka bo re sa iphe sepe fa go ne gose jalo.

Naledi: A o kile wa tshwara maemo ape mo polotiking?

Nnyaa rra. Ke berekile lebaka le le leele. Ka jalo ke ne ke sena sebaka.

Naledi: Ao ete o nwe bojalwa kana o goge motsoko?

Ke ete ke itsitsibose nako nngwe kana fa go le mediro.

Naledi: O tshwantshanya jang Mogoditshane bonyaneng ja gago le wa gompieno?

Jason: Botshelo ja bogologolo bo ne bo le boruma. Go ne gose dilo tse dintsi tse di rekwang ka madi. Ebile madi a ne a le tlhwatlhwa kgolo ka a ne a kgona go reka dilo tse ditona. Kgomo e ne e kgonwa go rekwa ka ponto ele nngwe. Go ne go palangwa dikgomo (makaba) le dipitse.

Ditonki di tlile moragonyana ga tseo go thusa mo ditirong tsa methalethale.

Botshelo bo ne bo le boruma go shomelwa bagolo ke bana fa ba bolaile diphologotswana kwa madisong. E ne ere fa o bolaile mmutla ere mogolo mongwe a kopana nao oo tshotse ao tseye mme go seke gore sepe fela. Ere o bolelela rrago ka tiragalo eo a kgobe kgetsi a itse fa e ne ele yone tsamaiso metlheng eo.