Naledi

Batswana itshwareng sentle ka BOT50

 

Letsatsi le Batswana botlhe ba ntse ba le letile ka dipelo tse di sa kgoneng go itshwara ka ba batla go ipelela phitlhelelo ya lefatshe la bone, ka go se thona gore ba ikamanye le yone jaaka ba na le seabe, fela go botlhokwa gore go itshwarwe sentle.

Ga gona ope yo o ka ganetsang gore tshaba ya Botswana, e itsege ka go itshwara sentle go gaisa ditshaba tsa mafatshe a sele, eleng seo go iseng go ko go tsamaye go nne le dintwa le fa e le dikgoberego tse di tshololang madi le go gapa matshelo a matshwititshwiti jaaka re bona go diragala kwa mafatsheng a sele.

Lefatshe la Botswana le sa le le itsege ka tshaba e e itshwarang sentle goo lowe, pele ga boipuso le morago ga jone, eleng seo Batswana ba tshwanelwang ke go iphophotha legetla go itebogela mokgwa o montle o wa go itshwara ga bone. Fa go lejwa kwa morago go itsaya motlhala, go a bonala sentle gore dingwaga di ne di ntse di goroga di feta ngwaga le ngwaga, mme Batswana ba sa eletse ka gope go itsenya mowa ope fela o o maswe ebile o tletse tshenyo.

Ka jaanong ipelelo moletlo wa boipuso jwa monongwaga e le jo bo pharologanyo, ka moletlo e le o motona thata le one, go ralala lefatshe lotlhe la Botswana, re batla go gakolola Batswana gore monate wa phitlhelelo e, o tshwanetse go jewa, mme ebile o jewe fela ka tshosologo, go sena ope yo o kgoreletsang Batswana. 

Boipuso jo ke ba Botswana, ebile e le ba Batswana ba bo neetswe ke Morena Seretse Khama, a bo tlogelela Sir Ketumile Masire, le ene a bo tlogelela Dr Festus Mogae, yo ene a bolaetseng tautona wa gompieno Lt General Dr Ian Khama. Yo ene a tla a bong a eteletse Batswana go bo ipelela monongwaga, kgotsa gompieno.

Jaanong re eletsa gore a e re Batswana ba tsena mo meketeng ya BOT50 le tautona Khama jaana, a ko mowa o le wa bogologolo wa go itshwara sentle o tswelele o rene, a go se nne Motswana ope yo o tla a dirang ditiro fela tse di sa itumediseng. A ko le gakologelwe puo ya Motswana e e reng Nonyane e mephuphutho mabe e iphatlha ka diphuka e le tsa yone, a go itumela mo go feteletseng go seka ga dira gore go atlafalwe Batswana betsho.

Malatsi a boipuso, ke a mafelo a kgwedi, mme ebile monongwaga go borai thata ka e le mafelo a beke, mme ebile moletlo e le o mogolo thata, boitumelo ke jo bo kwa godimo go gaisa, se a se seka sa tloga sa fetoga selelo se se botlhoko thata morago ga letsatsi la boipuso. Nyaa Batswana betsho a re gopoleng gore puso le tautona ga a a kake a re direla moletlo gore re tsene mo diphatseng, nnyaa, o moletlo ke wa gore re je maungo a go itlhabololela lefatshe la rona le e neng e le sekgwa fela pele ga boipuso, le ka yone ngwaga ya boipuso tota.

Maitshwaro a tshwanetse go ntlafala go tloga fela mo ditseleng ga go kgweetswa, a go se kgweetswe go itshietswe, go se tabogwe lebelo le le feteleng, mme le gone kwa mafelong a maitiso a go nwelwe mo mpeng, eseng mo tlhaloganyo. A go seka ga nnelwa dintwa tse di senang mosola tse di ka felelang di bakile dikgobalo le dintsho.