Naledi

Moporota o betla naka la mpa � Phoi

 

Melemo e ga e diege mo marekisetsong ka go lebega banna ba rata go kaiwa e le bone sentle kwa tlase ga lepai. Mme jaanong go mongwe molemo o o bolelwang fa o dira ditiro di feta bongwe mo monneng ka o thusa ka go tsoga sentle, le go oketsa bonna, thamagadimegala kgotsa naka la mpa. One o bidiwa moporota.  O setse o rekisiwa Botswana jotlhe le kwa mafatsheng a sele ka ntlha ya maduo ya one mo badirising.

Dikgang tsa Moporota le thobalano, le go godisa bonna di sale di utlwala bogologolo tala, bogolo jang kwa kgaolong ya bokone bophirima (Maun). Fela, bangwe ba bo ba utlwa fela go buiwa, bogolo jang ba kgaolo ya borwa. Se jaanong se ntse se bonala fa e le dipuo tse banna ba ka di reetsang ka tlhwaafalo ka monna wa Motswana, Lesego Phoi, go Maun a bolela fa e le boammaaruri gore moporota ke ngaka e tona ya go baakanya lorato la monna le mosadi ka o betla naka la mpa.

Phoi a re o godile a ntse a itse tiro ya moporota mo banneng, le basimanyaneng, ka bannabagolo ba ne ba nna fela ka go bua ka mosola wa one, bogolo jang maungo a sone. A re o goletse kwa Maun. Mme a tswa teng fela go ya mmadikole kwa Gaborone. Morago ga go wetsa dithuto tsa gagwe o ne a ikgata motlhala go ya Maun go berekela teng e le mmueledi.

Ka le ene e le monna, o itse bothata jwa go tlhaetsa mosadi dijo tsa segolo ga monna. O ne a bona go le botlhokwa go etela dipuo tsele tsa bannabagolo ka ga moporota. Mme ka boammaaruri a dira tsotlhe go batlisisa gore tota moporota o bereka jang mo banneng. Ka boammaaruri thuto le maele otlhe a a neng a a tsaya mo matlhogoputsweng a kgaolo e, a mo tiisa moko go dira sengwe se se tla a busetsang banna seriti sa bone mo thobalanong.

Phoi a re gase sephiri gore moporota o dira eng. Ke sone seo a sa tshabeng go bolela gore banna ba tshwanetse go nwa molemo o go itlhabolola gore basadi ba bone ba tswelele ka go ba kgathalela. A re dikgang tsa go nyatsa banna ke basadi di utlwisa botlhoko. A re ga gona monna yo o ka reng ene ga a ise a ko a utlwe basadi ba sotla monna ka bonnye ja bonna ja gagwe.

A re moporota o godisa bonna go ya ka fa mong a eletsang bo gola ka teng. Mme a re dikgang tsa gore moporota o godisa fela go fitlha bonna bo feta selekanyo gase boammaaruri.

A re seo ke tshotlo le go sa itseng ga ba ba buang jalo. Phoi o tlhalosa fa go sa nowe moporota mongwe le mongwe. A re le bogologolo go ne go itsewe gore o nowa jang. Mme ebile a re moporota o tshwanetse wa bo o omisitswe sebaka sa dingwaga di le pedi pele ga o ka nowa go simolola tiro ya one.

Fa Naledi e botsa gore tota  moporota o dira eng, Phoi  a bolela fa o thusa monna go tsogelwa ka tlhomamo, o godisa bonna boleele le bokima, o bo gape o okeletse monna sekgele sa lebelo mo motshamekong wa thobalano. 

A re banna botlhe ba ba setseng ba o dirisitse ba o boka thata, ka ba itumelela maduo a one. Ke sone seo a reng banna ba o ikanye ka maduo a teng e le a a bonalang ka boammaaruri.

Phoi a re o ne a phutha banana ka ene go simolola go dira sengwe ka setlhare se a le moko o thata.

A re o ne a setse a itse dingongora tsa basadi ba le bantsi ka ntlha ya bokoa jwa bonna jwa banna ba bone. Morago ga go kopana le banana ba ne ba tsaya ditsela tsotlhe tsa go kopa go dirisa moporota mo go botlhe ba ba maleba. Mme ba itumela thata go bona ba letlelelwa, ba bo ba neelwa teseletso ya go o romela kwa ntle ga lefatshe la Botswana.

Phoi a re ba ne ba batla lefelo le ba ka berekelang le go gwebela mo go lone. A re maikaelelo e ne e le go tlhamela banana ba Maun diphatlha tsa tiro ka setlhare sa tlholego se se mo kgaolong ya bone. A re maikaelelo a mangwe e ne e le go somarela le go boloka diphologolo tsa naga jaaka ditshukudu le ditlou tse banna bangwe ba di bolaelang manaka a tsone a gotweng a na le motswako wa go tlhabolola thobalano.

Phoi a re kgwebo ya bone e setse e godile ka jaanong bontsi ja banna ba dumela gore moporota ke konokono, mmantswitswidi wa thobalano. Ka jalo ba o reka ka dipalo tse dintsi thata mono Botswana, le gone kwa mafatsheng a sele tota go akaretsa le one a bathobasweu ba ba ntseng ba tshepha dinaka tsa ditshukudu le ditlou.

O bolela gore moporota o tsere phatlha ya dinaka tse jaanong, bogolo jang ka diphologolo di tlhokomelwa thata gore di seka tsa bolawa. Moporota one o ka nna fela o le teng ka dinako tsotlhe fa o somarelwa.