Blogs

Leo ke sekgowa

Mongwe o ka botsa gore ke eng go twe pula e, e ne e le ya matlakadibe. Motswana e a re a re, pula ke ya matlakadibe, a bo a raya gore, e ne ya na e le ntsi thata, mme godimo ga moo, ya senya, ya tla ka dilo tse di maswe. E re e le pula e nele sentle fela, e nolofaditse lefatshe, megobe le matamo go tletse, bojang le ditlhare di tlhogile, naga e le ntle, go twe go nele pula e namagadi. Ele ya Mogoditshane ele, ga e bolelwe e ne e  le e namagadi; jaaka re utlwa ga twe, e ne le ya matlakadibe. Ya tla e ntse jang?

Go utlwala fa pula e, e ne ya na go le maitseboa, ya na nakwana e khutshwane fela e seng  lobaka lope lo lo leele, mme ya senya thata. Polelo ele ya re, pula eo ya rutlolola matlo, dilwana mo teng ga matlo ao, dijo le diaparo, ga senyega. Go ya ka polelo, e ne ya re morago ga pula e, mongwe a re, ene o batla P11,000 go boa a rulela ntlo ya gagwe sentle. Yo mongwe ene a re, pula e sentse matlo a a neng a a hiriseditse batho bangwe, mo go rayang gore dilwana tsa batho bao, di senyegile, e bile ga ba na gope go latsa tlhogo teng. Mo ya bo e le seemo se se maswe thata.  Re belaela gore, ka ga twe pula  e nele maitseboa, batho bangwe ba lala ba eme ka dinao, matlo a tletse metsi, dikobo le diaparo go kolobile. Ba bo bone kae boroko go ntse jaana? Gope. Seemo se ntse jaana, ga twe, kgaolo ya Tsolamosese yone ya bo e amegile thata.

Mafoko a sehela sengwe a re;

‘Utlwang ba ba hegelwang

Bonang ba ba selelong

Ba thuseng, ba namoleng…’

Polelo e supa gore, e ne ya re go bona seemo se ntse jaaka re utlwa se bolelwa jaana, puso, e dira ka Lephata La Boipelego, ya itlhaganelela go thusa le go namola ba ba selelong. Ka bangwe ba ne ba se na sepe sa go isiwa ganong, ba fiwa dijo; ba ba neng ba se na fa ba ka latsang tlhogo teng, ba fiwa ditante, fa bangwe bone ba ne ba hudusediwa kwa mafelong mangwe a a babalesegileng, go nama ba ntse foo, e le ga nakwana fela. Ga dirwa jaana, go ntse go lebilwe seemo gore se ntse jang; go lebilwe gore ba ba ka thusiwang ke bafe, ba ka thusiwa jang. Se, ya bo e le mogopolo o montle ka gore,  gongwe fa go ne go ka dirwa fela go sa lejwalejwa, morwalo o ne o ka tloga wa nna bokete, puso ya imelwa, go lebilwe yone fela gore ke yone e dire. A, go utlwala e le mafoko a Motshwarelela  Molaodi wa Kweneng, Mme Sekgabo Makgosa, a neng a feta ka one ka nako ele. Ga twe o ne a re Batswana ba lebega ba latlhile mowa wa boipelego le go thusanya fa bangwe ba wetswe ke bothata, ba lebile fela gore puso e teng, e tlaa thusa. O, e bo e se mowa o montle ka gore Motswana o sale a rile, ‘Fifing go tshwaranwa ka dikobo,’ kgang e le gore, fa go le thata, motseto o fapogile marago, re thusanye.

Jaaka gale, re ne ra nna ra okomela Dikgang/Daily News mme ra sela polelo e ya pula ele ya matlakadibe kwa Mogoditshane mo go yone. Fa e ntse e bega ka fa Motshwarelela Molaodi a neng a bua ka teng le morafe ka nako ele, Dikgang (Daily News/Sedimonthole 13 2018) ya re;

‘O tsweletse a tlhalosa gore puso ga e na madi ago agela mongwe le mongwe yo o senyeditsweng ke pula……’

Temana e re nopotseng mafoko a mo go yone e tswelela e re Molaodi o ne a kopa gore ba ba kgonang go itirela ba se lebe puso, ba thuse, ba ipaakanyetse matlo a bone. Se, e le go gatelela gone gore puso e le nosi ga e ka ke ya kgona.

Jaaka gale, re inotse mafoko a a fa godimo ale, go supa gore, lefoko lengwe mo go one, ga le a dirisiwa sentle. Re go botse gore, wena o bona lefoko lefe foo, le sa dirisiwa sentle? Gape, ke eng o re ga le a dirisiwa sentle? Ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona re bonye lefoko ‘ago.’ Molato ka lefoko le ke eng? Molato ke gore, ke lefoko la Sekgowa, e seng Setswana. E a re ba bua Sekgowa, re utlwe ba re, ‘A long, long, time ago.’ E re ba bua jalo, ba re ba bua ka tiragalo e e diragetseng bogologolo jole, e seng jaanong jaana.

Phoso e dule gone fa gore, e rile go ka bo go kwalwa Setswana, ga kwalwa Sekgowa, go diragetse phoso ya gale le gale, ya go tshwaraganya mafoko a sa tshwanela go tshwaragana.

Fa godimo fale, mafoko a a dirang lefoko ‘ago,’ ka go ne go kwalwa Setswana, a ka bo a ne a kgaogana mme temana ele ya balega e re, ‘….. puso ga e na madi a go agela mongwe le mongwe……’

Go ntse go ntse jalo, a re gakolole gore, nako bedava internet nngwe, phoso e dirwa ke motshine (machine/computer) ga e dirwe ke mokwadi. E re wena o batla go kwala Setswana, motshine one o fetole seo, o kwale Sekgowa. 

Go ka ne go diregile jalo ka lefoko ’ago.’ Jaanong, a re ne re ela tlhoko gore re kwala eng, motshine one o kwala jang.