Blogs

A re le kgaoganye

Go bonala fa moletlo o, o bidiwa mokoto ka gore, ka tsatsi la one, go jewa one mokoto tota. Mme one mokoto o, e le eng? Ga twe mokoto o, ke dirwe dingwe tsa kgomo, di tlhakanngwa le mateng, go apewe, mme e nne nama e e monate thata. Le fa go sa buiwe sepe ka seo, re dumela gore, ka ke ngwao, mokoto oo, o jelwa kwa kgotleng.

Re utlwa fa ka tsatsi lele, mongwe wa bagolo ba ba neng ba le koo e ne le Kgosi Mosielele wa Moshupa. E re ba bua ba re, kwa Moshupa, ke Bakgatla ba ga Mmanaana.

Pego e supa gore, kgosi a se ka a tla fela a akga diatla. A tla ka la gagwe go kgothatsa Bangwato. Ga twe o ne a bua ka tse a bonang di le molemo ka moletlo o, le ka ngwao. A re, morafe o somarele ngwao, o bo o ipelafatse ka yone. A tswelela a re, ngwao e ka tsosa bojanala, ya dirwa kgwebo, ya bo ya tlotlomatsa le lefatshe leno ka bojanala. 

E rile re ntse re ya le mahulo, ra okomela Dikgang (Daily News/Lwetse 5 2018) mme ra fitlhela polelo e ya mokoto mo go yone. Fa e bega ka fa e reng kgosi o ne a bolela monate wa mokoto ka teng, Dikgang(Daily News) ya re;

‘….. a re monate wa mokoto o ka nna wa raela le molwetse yo o idiwang nama….. ao meletse mathe.’

Ela temana e tlhoko mme mo go yone o tlaa bona lefoko ‘ao.’ Gompieno ga re ke re botse epe potso. Re tlaa tlhamalala fela re re, lefoko leo ga le a dirisiwa sentle. Mme gongwe wena o botse gore ke eng fa re bua jalo.

Karabo ke gore, fela jaaka re a tle re bue, phoso e gantsi e diregang fa go kwalwa Setswana, ke go tshwaraganya mafoko go sa tshwanela go dira jalo. E re mafoko a ka bo a kgaogana, e nna mafoko a mabedi, a tshwaraganngwe, a dirwe lefoko le le lengwefela. Lefoko leo, le felele le bua, le raya, selo se sele e seng se tota go buiwang ka sone. E, ke yone phoso e e diregileng ka lefoko ‘ao.’ Lefoko le, le tshwaragantse mafoko a mabedi, la a dira lefoko le le lengwefela, fa tota a ka bo a kgaoganye e le mafoko a le mabedi. Potso e nne gore, mme lone lefoko le, ‘ao,’ le raya eng?

Lefoko le, le dirisiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologanyeng, mme le felele le raya dilo tse di sa tshwaneng. La ntlha, fela jaaka re itse, le jaaka Thanodi ya Setswana e tlhalosa, lefoko le, ke lefoko la kgakgamalo; re le dirisa fa re hakgamaletse, re hakgamalela sengwe. E le sekai, a re re, Dimenye o gorosa dikgomo. Fa a pota ka kwa morago ga lesaka, o bona motlhala wa tau foo. O tabogela kwa lwapeng , o bolelela Direpe se a se bonyeng. Ka go hakgamala, Direpe a re, ‘Ao, wa re motlhala wa tau, e le gore e tswa kae? Go bua jaana, tota Direpe o a hakgamala, o hakgamalela go utlwa Dimenye a re o bonye motlhala wa tau.

Go ntse go ntse jalo, lefoko ‘ao,’ le ka dirisiwa e le lefoko la kganetso, motho a ganetsa se a se bolelelwang. A re re, Direpe ga a dumele Dimenye fa a re o bonye motlhala wa tau ka fa morago ga lesaka.

Ka ga a dumele, e ka re Dimenye a mmolelela a re, ‘Ao, ga go na ope motlhala wa tau; e tlaa bo e tswa kae?’ Fa, ka gore ‘Ao,’ Direpe o supa gore ga a dumele se Dimenye a se bolelang. Go tlatsa seo, a botsa gore tau eo e tlaa bo e tswa kae. Gape, re sale foo, lefoko le, le ka dirisiwa go kgalema; le kgalemela/kgalema sengwe. A re re, Oroba o ne a tsholetswe bogobe. O a ja mme go a sala, ga a fetsa. A se na go ja, o tabola mmu, o tshela mo bogobeng jo bo setseng. Go dira jaana, a re ene ke gone fa a apeile. Boelo o a tla, o fitlhela Oroba a dubakanya jaana. Go bona se, Boelo a re, ’Ao, ngwana ke wena, o dira eng, o a senya.’ Boelo o bua jaana ka o tenegile, o a kgalema, o bona Oroba a tshameka ka dijo.

Thanodi e tlhalosa gore, lefoko ‘ao,’ ke lelatlhelwa. E tswelele e re, lelatlhelwa ke lefoko le le latlhelwang mo puong go tsibosa. Mo godimo ga gore lefoko le ke lelatlhelwa, gape, le dirisiwa e le lesupi. Le supa/kaya selo se se gaufi le yo go buiwang le ene. Fa Morwadi a raya Mosetli a re, ‘Magapu ao, a bodile,’ o bua ka magapu a le gaufi le Mosetli. Jaanong re dumela gore, o bonye ka fa lefoko ‘ao,’ le dirisiwang ka teng, le gore go farolgana thata le jaaka le dirisitswe mo temaneng ele.

Mme o bo o ka botsa gore, ka ‘ao,’ ke yoo ga a dirisiwa sentle fale, go ne go tshwanetse go dirisiwa lefoko lefe? Re re, nnyaa, go ne go sa tshwanela go dirisiwa lefoko lepe.

Re rile ‘ao’ yole, o tsere mafoko a mabedi a a dira lefoko le le lengwe. Seo, ke yone phoso. Go kwala sentle, ke gore ‘ao’ yole, jaaka re buile, a kgaogane, a nne ‘a o.’ Jalo, temana ele, e balege e re, ‘…..wa raela le molwetse a o meletse mathe…..’ mme go wele sentle. Fa o sa mo dirise e le lesupi, kana, lelatlhelwa, kgaoganya ‘ao’ yoo.