Blogs

Ga se go ba tsenya moko

A tlhalosa gore, mo nakong e, go tlhokafala gore batsadi boo babedi ba bo ba le teng go thusanya go godisa ngwana. Ngwana e se nne morwalo wa motsadi a le mongwefela fela, e ka nna mmaagwe ngwana kgotsa rraagwe. Ga twe a botlhe ba nne teng.

A tswela pele, a tlhalosa fa go aga ngwana go amiwa ke maikutlo a gagwe; ke gore, ka fa ngwana a tlaa bong a ikutlwa ka teng ka nako tsotlhe. Re tlaa dumalana gore, fela jaaka motho mongwe le mongwe, ngwana fa a nna a itumetse, o tlaa tsoga sentle, a gole sentle. Mme fa a nna a sudile mowa, ga a ka ke a gola sentle.  Jalo he, ga twe, Mme Segobai, o ne a kgothatsa batsadi go bona  gore maikutlo a bana ga a nne a kgoberegile.

Mo go raya gore, batsadi ba leke go bona gore, bana ba  nna ba ritibetse maikutlo. Go ka gana mang? Se, ke se se elediwang ke botlhe. Fa mowa o sa iketla, o nna o huduegile, motho ga a tsoge sentle, mme gongwe a tloge a lwale mmele le yone tlhaloganyo tota. Jaanong ga twe, a bana ba nne ba itumetse, gore ba tle ba nne le botho bo e leng bone. Ke mafoko a a ka ganwang ke ofe motsadi?

Pego ya re,  Mme Segobai a boa a gakolola gore, a tikologo ya ngwana, ke gore fa ngwana a leng teng, e elwe tlhoko, ka le yone e ka nna le dilo dingwe, tse e ka reng fa ngwana a ntse a gola, tsa mo itaya tsebe.

Re itse gore, mo botshelong, dilo dingwe  di a tle di re fetlhe maikutlo, di re hutsafatse. Ka re tshaba go tshela ka botlhoko jaaka noga, re batle kwa re ka kgwelang botlhoko bo teng. Bangwe e re boemong jwa go bo kgwela golo gongwe go sele, ba bo kgwele mo baneng. Go se ke go nne monate ka bana le bone ba tlaa utlwa botlhoko, maikutlo a bone a kotlomele, ba sa itse gore bone ba swela lefe. Go ya ka pego, nngwe ya dikgakolo tsa ga Mme Segobai e ne ya nna gore, a go se dirwe jaana. A re, a batsadi ba se utlwele manokonoko a botshelo mo baneng. E le mafoko a nnete ka ga go a tshwanela go nna jalo.

Ya bo e se Mme Segobai fela kwa tirong ele ya go bua le batsadi ba bana ba Neale Primary School. Go ya ka pego, mongwe gape yo a neng a le koo, e ne e le molaodi wa Kweneng, Dr. Mmusi. Mme le ene a se ka a tla a iphotlhere.  A tla ka la gagwe le a neng a le latlhela.

 Go begwa fa molaodi a ne a kgala go apewa ga majalwa a Setswana mo malwapeng a go leng bana ba sekole mo go one. Ya nna ya nna mafoko a a tlhameletseng. Bana ba kgatlhiwa ke dilo tse dintsi, mo ba ka kgatlhiwang le ke tse di duleng mo tseleng tota. Bangwe e ka re go bona bojalwa mo lwapeng nako le nako, ba tsaya gore ke selo se se siameng, mme ba itigela mo go bone. E bo e le gone fa ba ile le noka, botshelo jwa bone bo senyegile.

Go lebega e kete e a re fa Setswana se re, ‘Khudu o tshedile ka loreme,’  bangwe, e le bagolo, ba tseye gore ba ka batla bana dikobo mme e bile e le bana ba bone. Go bolelwa fa molaodi a ne a kgalemela ditiro tsa go nna jaana, (tsa go dirisa bana botlhaswa) a re batsadi ba di tlhagafalele, di emisiwe, go tlogelwe go bipa mpa ka mabele. Fa e ntse e tla e bega ka fa go neng ga buiwa ka teng kwa tirong ele ya Neale Primary School, Dikgang/Daily News (Ngwanatsele 14 2016) ya re;

‘O kgothaditse batsadi….. go inaakanya le barutabana e le tsela ya go tsenya bana moko mo thutong.’

Ke ao. Ga twe batsadi ba thuse go tsenya bana moko mo thutong.

La ga Mmualebe gompieno ke go gakolola gore, Setswana ga se re go tsenya moko. Lenatetshapuo la nnete la re, go tsenya marapo dinameng.  Le lengwe le re, go tiya moko; go tiisa moko. E ka re fa go bonwa motho a dira e kete o lapile, ga twe, a thanye, a dire a tsentse marapo dinameng, go rewa gore, a dire ka natla, a tlhagafetse. Gape go ka twe a dire a tiile moko, go ntse go raya gore a tlhagafale.

E re fa ka tsela nngwe a kgothadiwa/a rotloediwa gore a dire ka natla, go twe o tiisiwa moko. Mo pegong ele, Dikgang (Daily News) e ne e tshwanetse gore e re, batsadi ba itshwaraganye le barutabana go tiisa bana moko mo thutong, e seng go ba tsenya moko. motshwanes@yahoo.com