Ga se go kgwa mathe
Sebofo Motshwane | Friday November 23, 2018 12:50
Bangwe ba abelwe go thula ditshipi, ba bangwe go betla ka logong ba dira dintshwana, megopo, dikgamelo, metshe le dikika. Bangwe bone ba sege matlalo, ba dire diphate, dikobo, mpheetshane, le tse dingwe diaparo. Go nne go fetele pele, bangwe ba abelwe go sega letsela ba roka mesese, marokgwe le tse dingwe fela jalo.
Gompieno re utlwa fa Mme Monyatsi, kwa Maun, e le mosegi wa popota. Ga twe o bolela fa tiro e, a e rutilwe ke batsadi ba gagwe mme le ene a e fetisa, a e ruta bana ba gagwe. Mme a sega, kana, a roka eng? Ga twe, o sega kapari ya sekole, manyalo, le meletlo ka go farologana, a bo a roke le diaparo tsa mariga.
A segela mang? Go bonala fa Mme Monyatsi a sa segele batho fela mme khansele le yone e mo rotloetsa. Polelo ga e tlhalose gore, tota khansele e thusa kgwebo eo jang. Fela re dumela gore, dingwe tsa dilwana tse a di segang di rekiwa ke khansele, kgotsa, a sege e le tiro a e direla khansele, mme e tlaa re kwa morago a newe sengwe go fodisa matsadi a go nna a tlhajwa ke dimao (bonnale). Bangwe ba tlaa re, o ka sega a direla batho fela, kana, a sege a filwe thendara ke khansele. Go bonala fa se, e le selo se Mme Monyatsi a se ratang thata, a se itumelela.
Fela jaaka gale, re ne ra okomela Dikgang (Daily News) mme ra fitlhela polelo e ya kgwebo ya ga Mme Monyatsi mo go yone. Fa e bega ka fa mosegi yo a reng o rotloediwa ke khansele ka teng, Dikgang(Daily News/Lwetse 14 2018) ya re;
‘O supile a sa kgwe mathe ka fa khansele…..e rotloetsang kgwebo ya gagwe ka teng.’
Mo temaneng e re e nopotseng e, go na le lefoko ‘a sa kgwe mathe.’ Fa o etse tlhoko, o tlaa bona gore lefoko le, le dirisitswe e le lenatshapuo/papisapuo. Gompieno potso ke gore, a le teng lenatetshapuo le le reng, ‘Go kgwa mathe?’ Gape, fa le le teng, le raya eng? Re setse re utlwile gore, Mme Monyatsi ga a segele batho fela, o segela le khansele ya Bokone Bophirima. Selo se, se a mo kgothatsa, se mo tiise moko, ka o itse gore ga a sege fela mo e tlaa reng kwa morago dilwana tsa gagwe di nne fela foo. O itse gore, o tlaa sega, mme dilwana di fete, di rekwe, kgotsa di duelwe ke beng ba tsone, dingwe di duelwe ke khansele. Fa go nna jaana, kgwebo e tswelele, e itumedise. Jaanong, polelo ya re, Mme Monyatsi o supa a sa kgwe mathe ka fa khansele e mo rotloetsang ka teng. Fa godimo fale, re boditse gore, a lenatetshapuo le, la go kgwa mathe, le teng? Karabo ke gore ga le yo. Boemong jwa go kgwa mathe, go na le go kgwa motho mathe. Go raya eng? Go araba potso e, a re bue ka tiragalo ya nako ele, fa go ne go le molaletsa kwa ga Mma Morwadi.
Nako eo, re ne ra bona batho ba kgaoganye ka ditiro; bangwe ba le kwa tshimong ba tlhagola, fa banna bangwe bone ba tlhomesa ntlo. Fa ba ntse ba tsweletse le tiro, tlhomeso ya re, ‘kgothu,’ mme monna mongwe ke yoo, a ya gore, ‘tshabu’ mo tsageng. Fa a le koo, a tlhaba mokgosi, batho ba tla go mo inola moo. Re ne ra utlwa gore, a bo a ne a le teng Monwedi.
Go bona tiragalo e, a tshega a bo a kgakgatha. A re, yole monna ga se wa sepe, e reng a ka bo a tlhoafala a a nwa, a lelele gore o gare ga bodiba. A tswelela a re, fa e ne e le ene Monwedi, o ka bo a ne a tiba, a nwela, a tla go tswa moo go se na sepe. Ka mafoko a otlhe, Monwedi o ne a nyatsa monna yole, a mmona e se motho wa sepe. Ke eng fa e tlaa re badimo ba mo arabile, boemong jwa go itumela, le go tlhola moo, a a nwa, a lele? Mo go Monwedi, se se ne se supa fa monna yoo, e se motho wa sepe. E re go ntse jaana, Motswana a re, motho o kgwa yo mongwe mathe. A re, Monwedi o ne a a kgwa monna yole mathe, a mmona tota e se motho wa sepe; a mo nyatsa, a mo tlhobosa.
Gongwe o tlaa botsa gore, a mme ga go na lenatetshapuo la mathe, le le neng le ka dirisiwa mo temaneng ele? Jaaka re utlwile, Mme Monyatsi o itumelela gore khansele e rotloetsa kgwebo ya gagwe. O ka bua ka selo se, a itumetse thata, a gatelela ka fa e leng gore khansele e mo tlhatlosa ka teng. Fa a bua jalo, re se ke re re, o bua a sa kgwe mathe. Setswana se re, o bua a sa kgale mathe ganong. Ke gore a bua a gatelela, kgotsa, a bua ka lobaka, a sa lape, a sa itsape, a supa ka fa e leng gore o itumelela khansele ka teng.
Motho gape, o ka bua a sa kgale mathe ganong, a bua ka selo a se kgala, a sa se rate, a supa ka fa e leng gore, ga se a siama ka teng. Gone foo, a bo a ka nna a se kgwa mathe; a se nyatsa, a se tlhobosa gore ga se selo sa sepe. O kgwa mathe fa o nyatsa, e seng o akgola.