Re ntse re a gakolola
Sebofo Motshwane | Friday April 13, 2018 13:19
Seemo se sale jalo, ga tla lenaneo la Tebelopele ya 2016, (Vision 2016) lengwe la matshego a lone e le gore Batswana ba nne tshaba e e kutlwelobotlhoko. Batswana ba ema ka dinao ka go farologana, go thusa ba ba itlhaelang. Batho ba thusiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologanyeng. Bangwe ba agelwe matlo, ba bangwe ba fiwe dijo, bangwe re utlwe go twe ba filwe mesangwana, ba bangwe tse dingwe fela jalo. Ngwaga wa 2016, one wa Tebelopele, o sale o fetile, mme matshego a one, one a sa ntse a tshegeditswe. Mowa ole wa go thusa ba bangwe, o sa ntse o le teng.
Gompieno re utlwa fa kwa Mochudi go na le lekalana lengwe la sepodisi le le bidiwang Mabodisa Cluster. Go bolelwa fa lekalana le, le lone le iteka, le thusa ba ba itlhaelang fale le fale. Re utlwa gore, e rile ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga, Mabodisa Cluster ya agela mosadi mongwe kwa Mochudi logora. Ka Setswana, re itse logora lo ne lo agiwa ka matlhaku, e re go ntse go ya, dipeba di age mo go lone. Fa go sa dirisiwe matlhaku ,go dirisiwe dikota. Mme matlhaku a ne a tlotlegile go feta dikota. Nako nngwe e a re batho ba bua ka tiragalo nngwe ya bogologlo, ba re, ke ya nako ya dipeba di sa ntse di nna mo logoreng, ba raya logora lwa matlhaku. A gompieno o sa ntse o ka e bona peba mo logoreng? Ga di yo.
Ka dilo di a fetoga, matlhaku ga a sa tlhole a dirisiwa thata go agelela malwapa. Boemong jwa matlhaku, go agiwa dikotswana. E re go tserwe dikgang, go tlotliwa, batho bangwe ba re, batho ba ba agelelang ka dikotswana, ke bahumi ba ba sa batleng gore, e re ba atlhame, ba a ja, ba bonwe ke bahumanegi ka kwa ntle. Gore a tota go ntse jalo, ga re itse. Seo e a bo e le dikgang tsa bone koo.
E re bangwe ba agelela ka dikotswana, ba bangwe ba agelele ka terata. Jaanong, re utlwa fa Mabodisa Cluster, e ne ya dira jalo, ya agela Mme Kgotlele ka terata. Go bona lelwapa leo, le ageletswe, ya nna tiro e ntle thata, e e neng ya akgolwa. Go bonala fa lelwapa la ga Mme Kgotlele le ne le ntse lebaka le sa agelelwa mme bangwe ba le dirile tsela, ba le ralala fela go se epe tlhong mo go bone. Loruo le lone lo le foo. Lo botha foo, lo itsamaela fela. Ga twe Kgosi Sekai, a akgola tiro e, a supa fa jaanong dilo tse, di tlaa ema ka ke foo, go ageletswe. Go bolelwa a ne a tswelela a akgola Mabodisa Cluster a re ba supile mowa wa bopelotlhomogi, mme ba nne ba tswelele ba tshware ka thata go thusa setshaba. A mme mongwe o ka nyatsa tiro e, a re ga se tiro e ntle, ga se ya sepe? Ga re bone fa go ka nna jalo.
Pego ya go agelelwa ga lelwapa la ga Mma Kgotlele, fela jaaka dipego tse dingwe tse dintsi, re e tlelwa ke Dikgang (Daily News/ Mopitlo 29 2018). Fa e bega ka fa Kgosi a neng a bua ka teng fa a lebogela tiro e ntle ele ya Mabodisa Custer, Dikgang ya re;
‘Kgosi Sekai o buile se fa a ne a rola logora lwa lolwapa lwa ga Mme…..’
Tsenya mafoko a a fa godimo a matlho, mme o tlaa bona mafoko ke ao a mabedi, e bong ‘logora,’ le ‘lolwapa.’ Ga twe kgosi o ne a rola logora lwa lolwapa. Mafoko a mabedi a, otlhe a dirisitse tlhogwana ‘lo.’ Jaanong potso ke gore a mme tlhogwana eo, ‘lo’ e dirisitswe sentle. Re tlaa re mo go ‘logora,’ ‘lo’ yoo, o siame, mme mo go ‘lolwapa’ gone, nnyaa. E le ka go reng a sa siama?
Re setse re kile ra gakolola gore, ka Setswana, ‘le’ o tsamaya le ‘ma,’ fa ‘lo’ a tsamaya le ‘di.’ Mme ka re bona diphoso di ntse di tsweletse di direga, gompieno re tlaa boa re ipoeletse, re gakolole gape. Nako ele re ne ra re, go ya ka ditlhopha tsa maina a Setswana (noun classes) mme gape e le sone Setswana tota, maina a tlhogwana ‘lo’ mo bongweng (singular), mo bontsing (plural) a tsaya tlhogwana ‘di.’ Mo go raya gore, fa re re ‘lolwapa,’ fa go le gontsi re tshwanetse gore re re, ‘dilwapa.’ A mme se ntse jalo Setswana? Nnyaa, ga se rialo. Mo go logora, ‘di’ yoo, o siame ka ra re, ‘logora’ dikgora.’ Bana bangwe ka Setswana, ba bidiwe bana ba dikgora.
Fa re bua, re ka farologana; bangwe ba ka re lolwapa, bangwe ba re lelwapa. Mme fela ka tlhomamo, lefoko leo, ke lelwapa. Ka gale re bua ka lelwapa, malwapa e le sone Setswana, e seng lolwapa, dilwapa. Jaanong, a re se tsiediwe ke go bua, a e re re kwala, re kwale mo go tlhamaletseng, e se re gongwe ra tloga ra latlha ba bantsi. motshwanes@yahoo.com