Blogs

A re diriseng maemedi sentle

Fa ngwaga o setse o simologile, e bile e kete ba le bantsi ba tlaa itlhoboga, ya na mo balemi bangwe ba neng ba nametsega. Ya re pelo di ne di sudile, potso e le, ‘Re tlaa dika re rileng?’ jaanong ga itumelwa, ga solofelwa gore, tema ele, e tlaa tswa sengwe.

Lengwe la mafelo a go bolelwang pula e ne ya na mo go one, ke motse wa Masingwaneng kwa Bokalaka. Ga twe koo, e ne ya na ka kgwedi ya Tlhakole.

Batswana ba re, kgwedi e, ke kgwedi e go neng go fediwa letsema ka yone. E re megoma e tswa mo masimo, e gogolwe mebu ele, mme go twe e a tlhakolwa gore e letele letsema le le tlang e se leswe. Leina ‘Tlhakole’ la tswa fa. Go utlwala gore, nako ya pula e na kwa Masingwaneng, bangwe ba ne ba setse ba beile ditema, mme ka ele ya ntlha e ne e le motlhofo, tsa bo di setse di babaletswe ke letsatsi.

Ga twe e ya morago e, ya tla e le yone sentle mme dijwalo tsa rula. Re utlwa gore molemi mongwe o ne a re, o itumelela pula e, ka mmidi wa gagwe o ne o sule,jaanong o thantse. Ke ofe molemi yo o ka se ke a itumele fa go ntse jalo? Ga go ope; mongwe le mongwe o ka itumelela gore ga a huhulela lefela, sengwe o tlaa se bona.

Go ya ka pego, go bonala gore, le fa pula e ne e nele e le ntsi jalo, batho ba Masingwaneng ka bontsi ga ba a lema. Polelo ya re, batho ba ne ba tlhagafaletse go lema nako ele, go sa ntse go jwalwa, go gasiwa ka seatla. Malatsi ano, jaaka re itse, moono ke gore go lengwe ka ditselana gore thobo e tle e nne e e botoka. Gore jaanong ke eng batho ba Masingwaneng ba sa tlhagafalela go lema jaaka ba ne ba tlhagafetse nako ele, ba sa ntse ba gasa, ga re itse.

Mme ka motswaiso o tuka ka go kgotlediwa, re utlwa gore, go leka go tsosa mowa ole wa pele, lekgotla la balemi la Masingwaneng, le tshwara diphuthego mo  motseng go supegetsa batho botlhokwa jwa temo. Ke mang tota yo o ka reng temo ga e botlhokwa? Fa re sa leme, re tlaa ja eng, re se tsaya kae? Boammaaruri ke gore, rotlhe ga re ka ke ra lema; bangwe ba rona ba tshwerwe ke ditiro tse dingwe. Mme fela, ba ba se nang dipe ditiro, mmele le one o sa ntse o itekanetse, a ba tlhagafale ba leme, difala di tlale, Batswana ba bone go ja.

Ke eo pula ya goroga kwa Masingwaneng. Sebe sa phiri ya nna gore, ya se ka ya tla e le nosi. Tsa tla di e setse morago dinonyane, gare ga tsone go le masogo. Tsa a a ja mabele mo e bileng go twe molemi mongwe  a re ga a bone fa a tlaa tswa ka sengwe.

Fa yo ene a lelela gore o jelwa ke dinonyane, yo mongwe o bolelwa a itumetse ka a re, ene o lemile mmidi le ntshe mme tsone ga di tshabelelwe ke diji. A ga se gone gore re se lele rotlhe; e re yo mongwe a lela, go nne le yo o mo kgaotsang. Yole o a lela, o jelwa ke dinonyane, yo mongwe ka fa ene o segofetse, ga a jelwe ke sepe. Mme godimo ga dinonyane, ga twe, dikgomo le tsone di foo, di a senya. A tlhe di se uputse masimo a batho, ba tloga ba boa ba iphotlhere.

Ka ba bapa mmogo le merero ba a e bapela, jaaka gale, re ne ra tlhodumela Dikgang (Daily News/ Mopitlo 06 2018) mme ra sela pego e ya pula ya Masingwaneng mo go yone. Fa e bega ka fa mothusa modulasetilo wa lekgotla la balemi barui a neng a bua ka go senya ga loruo ka teng, Dikgang ya re;

‘A re leruo le lone le a senya mo masimo ka go tlhagela di e ja dijalo…..’ Leba sentle, o tlaa bona lefoko ke leo ga twe ‘leruo’ e le leina mme le latelwe ke ‘di’ e le leemedi.

Mmualebe a gane a re, leemedi le, ga le a dirisiwa sentle, ka ga le dumalane le leina lele, le le le emetseng. Nako ele fa go buiwa ka loeto lwa ga Tautona kwa Tswapong,(Dikgang/Daily News/Tlhakole 12 2018) re ne ra bona phoso ya go nna jaana, go dirisitswe leina ‘dibui’ le latelwa ke leemedi ‘ba.’  Re ne ra gana ra re, ka go buiwa ka dibui, leemedi la nnete e tshwanetse go nna ‘di’ e seng ‘ba.’ Ra ineela ra re, ka dibui tseo ke batho, re ka amogela gore go twe ‘ba’ mme tota leemedi la tlhomamo ke ‘di.’

Fa godimo fale, go buiwa ka loruo mme lefoko ‘loruo’ la latelwa ke ‘di’ e le leemedi. Re ntse re a gana ra re, leemedi leo, ‘di,’ ga le a dirisiwa sentle; a go dirisiwe leemedi le e leng lone. Ka ga twe ‘loruo,’ leemedi e tshwanetse go nna ‘lo’ e seng ‘di.’ A re ntshe mafoko mangwe a seele sele, mme re bone gore go tlaa nna jang. A re re, ‘….leruo le a senya….. di e ja dijalo…’ A go a balega, go a utlwala? Nnyaa ga se gone. Jaanong Mmua a re, a re se latlheleleng, a re diriseng maemedi sentle. motshwanes@yahoo.com