Mmua-lebe

Go utlwala fa e rile mo malatsing mangwe a a fetileng, ga tshwarwa moletlo wa diaogane tsa dikgolegelo kwa Mahalapye. Ga go utlwale sentle gore dialogane tse di ne di aloga mo dithutong dife, kgotsa tsa eng, fa e se fela gore di ne di fetsa dithuto tsa class 1.

Fela jaaka go tle go direge mo meletlong ya go nna jaana, go ne ga nna le mongwe moeng yo o neng a tla go naya dialogne tse lefoko, e le go di akgola le go di kgothatsa mo tirong ya tsone.

Ga twe moeng yo, yo e neng e le mokwaledi mogolo wa Lephata la Itshireleltso, Molao le Thokgamo, o ne a bua ka dilo di le mokawana dingwe tsa tsone e le gore batho ba, ba tshwanetse go direla lefatshe le ka natla le ka botswerere, ba dirisanye le bagolwane ba bone sentle gore tiro ya bone e tle e tswe tema e bo e nne le maduo a a nametsang; a re ba tshwanetse go ikanyega le go ikgapha mo dilong tse di ka ba itayang tsebe tsa tloga tsa ba senyetsa botshelo. Fa go ntse go tla go buiwa ka dilo tse moeng yo a neng a di bua ga twe;

‘A re ba tshwanetse go ikgapha mo ditirong tse di makgaphila di tshwana go itontela dino, a bolela fa go dira jalo go ka felela go ba senyeditse le ditiro.’ (Daily News/Dikgang Moranang 23, 2013)

E a re Mmualebe a bua a re, Setswana se a nyelela mme ga se nyelediwe fela ke ka fa se bontsi jwa rona bo se buang ka teng, se nyelediwa gape ke ka fa bontsi bo se kwalang ka teng.

Mmualebe o a tle a re fela jaaka re dira fa re bua, ga e re re kwala re ele tlhoko gore re kwala jang.

Re kwala fela ka go latlhelela. E re re latlheletse jaana, e re bangwe ba bala go nne thata gore ba utlwe gore ga tweng, mme ba felele ba re Setswana se thata. Tota se se thata, se dirwa thata ke gore gantsi ga se kwalwe sentle.

Nako nngwe e re go kwadile, bangwe ba se ke ba bone dipe diphoso mo go se se kwadilweng, ba tseye gore go siame, gone mme go sa siama.

Diphoso di tswelele di direge. Go bona sekai sa se re buang ka sone, a re lebelele mafoko a re a nopotseng fa godimo fale.

Mo temaneng ele, mafoko otlhe a a dirisitsweng ke a Setswana. Jalo he, re tlaa dumalana gore go kwadilwe Setswana, ga go na lefoko lepe la puo e sele. Jaanong a re tlhome temana e matlho, re ipotse gore moono wa yone ke eng.

Kwa tshimologong ya yone, temana e ya re, yo o neng a bua, o ne a re dialogane di tshwanetse go ikgapha mo ditirong tse di mawe jaaka go itontela dino. Ke mafoko a a monate, a mogolo a ne a tshwanete go a lebisa bana.

Moono fa ke gore a bana ba ikgaphe, ba itise, mo dilong tse di maswe.

A jaanong re utlwe gore fa temana e e wela, ya reng. Ga twe ‘....a bolela fa go dira jalo go ka felela go ba senyedtse le ditiro.’ Ela tlhoko gore ga twe ‘go dira jalo.’ Potso fa e nna gore, go tewa go dira jang; go dira eng? Karabo e nne gore go dira jalo go tewa go ikgapha. Ra re go ikgapha ka gore se ke sone se go builweng ka sone kwa tshimologong ya temana ya rona. Jaanong temana fa e wela ya re go dira jalo (go ikgapha) go ka felela go ba senyeditse ditiro.

Kgang ya ga Mmualebe e bo e tsena gone fa gore, fa o bala temana e o e tlodisa matlho, o tlaa tsaya gore e kwadilwe sentle, e a balega.

Mme fa o ka e bala ka leitho le le tlhoko (e seng ntshotsho) o tla bona gore ga e wele sentle. Mafoko a yone kwa bofelong, ga a nyalane le a a kwa tshimologong.

Fa re e tsaya jaaka e kwadilwe, temana e kwa bofelong ya re go ikgapha go ka senyetsa bana ditiro. Potso e bo e re, a mme se ke sone se mokwadi wa temana a neng a batla go se bua? A ke se moeng wa rona mo moletlong ole, a se buileng? Bana ampo batho fa ba ikgapha, ba ikefa mo tseleng tse di maswe, tsela tsa tatlhego, ba leka go ya tseleng tsa tshiamo.

A jaanong go ya tseleng ya tshiamo, go ka senyetsa motho botshelo? Ga go a nna jalo.

Phoso e e diregileng mo temaneng ya rona, ke phoso ya gale le gale e e dirwang ke gore fa re kwala, ga re ele tlhoko gore ra reng. Mokwadi wa rona fale, o kwadile fela a se ka a ipotsa gore a se a se kwadileng, ke sone se a batlang go se bua.

Go lebega a ne a tsaya gore ka mafoko ke ao a tlhomaganye, go raya gore o kwadile, go siame. Mmualebe a re, a go se nne jalo. A re, a re kwaleng sentle. A e re re kwala, re ele tlhoko gore ra reng.

A re se latlhelele Setswana fa gone re ka bo re se tlotla go feta dipuo tse dingwe tse re di jakang.   Email: motshwanes@yahoo.com