A motokwane o kalwe gape � Mosekisiwa

No Image

ORAPA: Geoffrey Moleele, wa dingwaga tse di masome mararo (30) e le monni wa kgaolwana ya Selepa kwa toropokgolo ya Francistown, o satswa go kopa lekgotla la ga Mmakaseterata lwa Letlhakane go laela bosekisi go kala gape Motokwane o a o sekelang.

Moleele o dirile kopo e mo tshekong e a sekisediwang go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane. Mosekisiwa o ne a gakgamatsa lekgotla fa a ne a kopa ka tlhoafalo gore motokwane o a tshwerweng ka o ne o kalwe gape, go lebega fa a ne a sa dumalane le bokete jwa one, jo bo kwadilweng mo mokwalong ya tlhagiso molato.

Moleele, yo a seng nosi mo tshekong e, o sekisiwa le Batshegi Goganang wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe (29) wa kgotla ya Sekeletu kwa Mopipi. Borre bao botlhe ba lebisitswe molato wa go fitlhelwa ka motokwane wa bokete jwa dikereme di le 6.3 (6.3g) kwa Mopipi. Gatwe ba fitlhetswe ka setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane ka kgwedi ya Morule e robabobedi ka 2013.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up