Butler o lekile, go padile � Batswana

Go thata, mahutsana! Dipitse di setse di lomiwa le ke Dikwena tsa Lesotho tota, a kwa makgaolakgannyeng a AFCON di tla goroga?
Go thata, mahutsana! Dipitse di setse di lomiwa le ke Dikwena tsa Lesotho tota, a kwa makgaolakgannyeng a AFCON di tla goroga?

Motshameko wa setlhopha sa Dipitse kgatlhanong le Lesotho ka Matlhatso mo Gaborone, o tlogetse Batswana ka maikutlo a a farologaneng, fela bontsi bo bolela fa mokatisi Peter James Butler a lekile go padile, mme go le botlhokwa thata gore a ithole tiro sebaka se sa le teng.

Dipuo le dikeletso tse di tla jaana morago ga gore setlhopha sag a Butler se iphitlhele se ntsheditswe ntle ga kgaisano ya CHAN ke setlhopha sa Lesotho, se Batswana ba neng ba sa solofela gotlhelele fa se ka fenya Dipitse go sa kgathelesege gore di ntse di tshameka bokoa go le kae.

Setlhopha sa Dipitse se ne sa iphitlhela se duba thankga ya go tswela ntle kgatlhanong le Dikwena tsa Lesotho mo motshamekong wa legato la bobedi mo Gaborone kwa lebaleng legolo la metshameko morago ga go tshameka le tsone maleka a lefela setlhopha kwa Maseru, Lesotho.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up