Ditso tsa Batswana � Kgaolo 2

Mo kgaolo 1 beke ee fetileng, re ne ra bua ka merafe ya Batswana ka kakaretso. Go tloga fano go ya pele re tlaa bo re remeletse mo ditsong tsa merafe ka bongwe ka bongwe go bona ka fa e tsalanang ka teng.

1. DIGOJA

Jaaka merafe e mengwe ba tlholegile mo kgaolong ee neng e bidiwa Transvaal mme ba le ntlheng ya botlhabatsatsi. Ba ne ba bina tau le letsatsi. Fa ba ileng ba fitlhelwa ke Barolong le Batlhaping ba tlhakanye le Basarwa. Kgosi ya bone e ne ele Legoja. Ke sone ba feleleditseng ba ipitsa Digoja. Jaaka Basarwa Digoja e ne ele morafe oo senang metse ee tlhomameng ba tlhorontshiwa ke e mengwe. Barolong le Batlhaping ke bone ba erileng go ba bega ba dira batho ba magae.  Fa ele gore morafe wa Digoja o sale teng, o meditswe ke Barolong le Batlhaping ba ba latlhisitseng mokgwa wa go tshela ka dibapalwanageng le diphologolo, go tsena mo go wa bolemiborui.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up