Kgatelelo ya maikutlo a go tshela le HIV le tsholofelo

Mo kgaolong e e fetileng, ebile ene ele ya bofelo ya mabaka a go tenega, re dumalanye gore beke eno re tla itebaganya le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, jo bo re bakelang tlhakatlhakano ya maikutlo a a bokete kana depression ka sekgoa.

Puisanyo ya rona e leka go  tsibosa mmadi gore maikutlo a a tlhakatlhakaneng (stress) mme a le bokete (depression) a ka kgonwa go rarabololwa mme ka jalo tsholofelo e tshwanetse ya solofelwa nako le nako go re ele ruri o tla bona pholo.

Santlha a re ithute gore maikutlo a a bokete ke eng? Ke maikutlo a a botlhoko ebile a ka bakela motho go ikutlwa a latlhegile kana a sena kemonokeng mo bathong jaaka ba lelwapa, losika, ditsala kana badirikaene. O ka lemoga dikai tsa maikutlo a ka go nna o lapile, mo mosong o tsoga le go tlhola o lapile ka nako tsotlhe. O simolola o latlhegelwa ke keletso ya dilo tse o neng o rata go di dira. Maikutlo ga a ame tlhaloganyo fela mme le mmele. Bangwe ba re ba simolola go itemogela go ja phetelela fa bangwe ba re ba latlhegelwa ke keletso ya dijo.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up