Mafitlhakgosi e abelana ka bodiragatsi

Kopano Mantswe (seaparo se se lephutshe) a ruta banana ka seletso tsa moropa
Kopano Mantswe (seaparo se se lephutshe) a ruta banana ka seletso tsa moropa

Mogokaganyi wa setlhopha sa mmino wa setso sa Mafitlhakgosi, Joseph Ikopeng a re nako e gorogile ya gore baopedi le badiragatsi ka go farologana mo Botswana ba abelana dikitso tse ba banang le tsone le bo setlabosheng.

Ikopeng o dirile thotloetso e ka Matlhatso kwa kgaolong Gaborone ya Old Naledi, mo thuto-sekadipuisanong e setlhopha sa gagwe se neng se e rulaganyeditswe banana ba kgaolo ya Old Naledi le tse di mabapi. Ikopeng yo o tlwaetsweng mo mererong ya bodiragatsi ka leina la ‘Boloko 7’, o ne a bolela fa go iteba ka nosi ga badiragatsi gole diphatsa ka kgabagare ele bone badiragatsi ba ka iphitlhela bale fa naka tsa nare gore gongwe dilo di seka tsa ba tsamaela sentle.

Ikopeng o ne a bolelela batsena bokopano gore Motswana wa maloba o kile ‘matlo gosha mabapi’ a raya gore batho ba tshwanetse ba amogana maitekodiso tota le go ntshana seinong ka matshelo a bone. A re sekai sa bodiragatsi ke gore baopedi ba ba setseng ba segile tema mo bodiragatsing ba tshwanetse ba amogana dikitso tsa bone le bo setlabosheng gore bokgoni jwa bone le dikitso tsa bone di seka tsa huduga le bone.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up