Metsi a taka meno Mokaila

Mokaila
Mokaila

”Motsamaisa dipuisano tsa palamente, ke ne ke ntsha sekai hela ke re, o ele tlhoko batho bangwe ba Mogoditshane, o kgona go bona dikainyana tsa bohibidu mo menong a bone, e se gore ke a ba nyenyafatsa.

Ke ne gape kere kwa Mmatshumo gone, ga ke ise ke bone dikai tsa gore meno a bone a takiwa ke metsi a ba anwang” A ke mafoko a ga Kitso Mokaila, Tona wa Lephata la Ditswammung, Kgotetso le Metsi jaaka e ne a tsibogela ngongorego ya ga Sedirwa Kgoroba, Mopalamente wa Mogoditshane, morago ga gore a kope Motsamaisa dipuisano tsa palamente Gladys Kokorwe, gore a kgaleme Tona Mokaila go bo a re batho ba Mogoditshane ba meno mahibidu.

Ngongorego ya ga Kgoroba ene e gwetlhwa ke potso e eneng e boditswe ke Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Sethomo Lelatitswe, yo aneng a batlile tona go itsese palamente ka seemo sa metsi a a nowang a motse wa Mmatshumo.  Ya re a araba, Tona Mokaila a tlhalosa fa seemo sa metsi a motse oo, se siametse go re metsi teng a ka nowa ntswa gone a na le kalaka.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up