Nthe wa naga

Maloba jale ke buile ka dinonyane le diphologolo tse di tshelang ka go shebasheba mme ka fa dikai di le mmalwa mo diruiweng le mo ditsheding tse dingwe tsa kwa nageng. Ke lekile go fa maikutlo a me ka se se ka tswang se dira gore di tshelele mo go shebashebeng.

Morago ga foo, ke ne ka nna ka potiela fa ke tsamaya mo toropong le mo mafelong a mangwe ka go farologana. Ka jalo, erile malobanyana ke phakeletse go itshidila mmele gone mo Gaborone mo ka fa marekisetsong a Broadhurst gaufi le sekole se segolwane sa Maruapula, ka lebisa dinao kwa botlhabatsatsi go feta fela fa pele ga sekolwane sa ithutelo-ditiro tsa go dira ditsela, (Roads Training Centre). Ke ne ka tsamaya jalo le tsela ya sekonotere mme ya mpetisa fa pele ga kgoro e tona ee kwa bokone jwa mmadikole wa Botswana, (University of Botswana).

Ke yoo, ka ya botlhabatsatsi fa tsela ya sekonotere e sena go felela mme ka feta ke iphaphathile ka terata ya lefelo la diphologolo le ditsatlholego, (Gaborone Game Reserve). Terata ya Botswana Defence Force (BDF) yone e ne ele ka fa mojeng wa me.

Editor's Comment
Watch your tongue Mr President

While his leadership has brought about significant progress and development, it is imperative that he exercises greater caution in his choice of words, particularly when addressing sensitive matters.One of the primary concerns is the potential impact of his remarks on Botswana’s relationship with De Beers, the diamond mining giant that plays a crucial role in the nation’s economy.The partnership between Botswana and De Beers has been mutually...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up