O thubeditse mmangwanaagwe

ORAPA: Monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa (27) wa kgotla ya Tawana kwa Letlhakane, Gakeolatlhe Godirwang, o lebanwe ke kgwetlho e tona ya go iphemela mo molatong wa go thubetsa mmangwanaagwe wa dingwa tse masome a mane le borataro (46).

Godirwang, yo o tumileng thata ka leina la ‘Volume’, o setse e bile a itshupile kwa go Makaseterata mogolwane Queen Moanga, mme mongongoregi Onkatametse Meagowe, yo gape e leng mona-le-bogole, a ikokotlela ka dithobane tse pedi, o nnile le sebaka sa go bolelela lekgotla ka tiragalo e e setlhogo e, a tlhalosa gore  Godirwang o mo dirileng.

Meagowe, yo a neng a fa bosupi a ntse fa fatshe, ka ntlha bogole jwa gagwe, o ne a tlhalosetsa lekgotla ditiragalo tsa letsatsi la petelelo, a bolelela fa mosekisiwa ele ngwana wa ga mogolowe, thoothoo! O boletse fa e rile ka letsatsi la tiragalo e, kgwedi ya Motsheganong ele borobabobedi monongwaga, a ne a tsaya mosepele go tswa kwa morakeng o a neng a nna kwa go one, o o bidiwang Xaogodom, mme a ya kwa go o o bidiwang Ganeganega, ka mabaka a go kopa motsoko le ditlhatleo.  

Editor's Comment
Watch your tongue Mr President

While his leadership has brought about significant progress and development, it is imperative that he exercises greater caution in his choice of words, particularly when addressing sensitive matters.One of the primary concerns is the potential impact of his remarks on Botswana’s relationship with De Beers, the diamond mining giant that plays a crucial role in the nation’s economy.The partnership between Botswana and De Beers has been mutually...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up